Breaking News

Mapodisi a Kasane a tlhotlhomisa kotsi

08 Jun 2021

Mapodisi a Kasane a tlhotlhomisa kotsi e mo go yone batho ba le babedi ba neng ba nna le dikgobalo tse di masisi.

Go ya ka Superintendent James Maabong, kotsi eo e diragetse ke Tshipi maitseboa, fa khombi e pitikologa mo tseleng ya A33 gaufi le Ngoma Gate.

A re koloi eo, e ne e na le batho ba le bararo go balelwa le mokgweetsi, mme monna le mosadi ba dingwaga tse di masome mabedi le bobedi, ba ne ba nna le dikgobalo tse di masisi mo ba feletseng ba ragosediwa kwa Nyangabgwe Referral Hospital kwa Francistown.

Superintendent Maabong o tlhalosa fa mosadi a ne a gobala mo tlhogong, mme monna ene a robega lebogo la molema gabedi, fa mokgweetsi yo o dingwaga tse di masome mabedi le boferabobedi, a ne a alafiwa mo kokelong ya Kasane a bo a ntshiwa gone foo. Supt Maabong o tsibosa setshaba go kgweetsa ka kelotlhoko le ka lebelo le le beilweng, ka jaana lefelo leo go na le diphologolo tse dintsi tse di ka ba dirisang diphoso.

A re gape o rotloetsa setshaba gore se leke go nna mo malwapeng, ba tile go tsamaya mesepele e e seng ya botlhokwa.

Le fa go ntse jalo, Supt.Maabong a re ditlhotlhomiso tsa se se bakileng kotsi di tsweletse. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Keamogetse Letsholo

Location : Kasane

Event : Potsolotso

Date : 08 Jun 2021