Makhanselara ba ngongorega ka maeto
08 Jun 2021
Makhanselara mangwe a kgaolo-potlana ya Serowe a ngongoregile ka maeto mangwe a matona le bathusi ba bone mo dikgaolong tsa bone go tla go lekoka ditlhabololo ba sa rerisiwa.
Ba buile jalo ka mosupologo mo phuthegong ya khansele-potlana e e tsweletseng mme e tshwerwe ka tlhaeletsanyo ya maranyane.
Ba boletse fa seo se dira gore batho le puso ba akanye gore ba dira kabomo ba sa tsene diphuthego tsa botona mme boammaruri e le gore ga ba lalediwe semmuso.
Mokhanselara wa Tshikhinyega mo Serowe, Rre Solomon Dikgang o boletse fa go le makgetho a le mantsi kgang ya go tlhoka go laletsa makhanselara e sa ba jese diwelang ka gore kamoso batlhophi ba tlaa bo ba ba leba ka leitlho le le sa siamang.
O boletse fa makhanselara e le bone leitlho la puso kwa dikgaolwaneng mme ba tshwanetse go tsewa jaaka batlotlegi.
A re fa ba tshwaregile e le makhanselara ba ka itsese ditshwarego tsa bone mme gongwe ba kope ba dikomiti tsa ditlhabololo go nna matlho le ditsebe tsa bone.
Mokhanslelara wa Palamaokue, Rre Nametsegang Omphile o boletse fa go sa lebege sentle gore ba bo ba sa tle mo ditirong tse di tshwerweng ke matona le bathusi ba bone.
O boletse fa kamoso batlhophi ba tlaa bo ba re ba tlaopa matona e bile ga ba ba fe tlotlo le lerato.
Mokhanselara Omphile o boletse fa selo sa mohuta oo se tsweletse ka go diragala mo kgaolong ya bone, a afa sekai sa gore khansele-potlana e kopane mme mothusa tona wa banana, metshameko le tlhabololo ngwao o tsweletse mo dikgaolong tsa bone o lekola dikgwebo tsa banana mme bone ba sa itse sepe.
Le fa go ntse jalo, modulasetilo wa khansele-potlana, Rre Lesedi Phuthego o amogetse ngongora ya bone mme a laela ba ofisi ya ga molaodi go ipaakanya sentle go itsese batlotlegi ka dinako tsotlhe le go ba rerisa ka tlhamalalo.
Khansele-potlana e tsweletse mo Serowe mme e solofetse mapahata ka go farologana go tla go ba buisa le go bega ka fa ba dirang ka teng mo kgaolong.
Ba solofetse ba lephata la metsi go tla go bua ka dituelo tsa metsi, ba lekoko la COVID-19 la Serowe/Palapye go tla go ba itsese ka seemo sa mogare wa corona mo kgaolong le tse dingwe tse di amang COVID-19. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : Serowe
Event : Phuthego ya khansele
Date : 08 Jun 2021