Breaking News

COVID-19 eamile kemedi ya morafe

07 Jun 2021

Mothusa Tautona, Rre Slumber Tsogwane a re puso e a tlhaloganya gore moeteledi pele wa morafe fa a tlhokafetse kana a tlogetse tiro ka bogodi, go tshwanetse ga nna le yo o mo tlhatlhamang mme COVID-19 ke sekgoreletsi mo nakong ya gompieno.

Fa a bua kwa phuthegong ya kgotla kwa New Xade ka Labotlhano, Rre Tsogwane o tlhalositse fa bolwetse bo amile tsamaiso ya go emisetsa baeteledipele ba bogosi le sepolotiki.

A re ga go motlhofo mo nakong eno go emisetsa dikgosi le makhanselara a a hulereng kana dikgosi tse di tlogetseng tiro ka bogodi.

Mothusa Tautona a re ka tsamaiso ya bogosi, fa kgosi a tlogetse tiro ka bogodi, go tshwanetse ga iwa kwa morafeng gore e nne one o tsayang tshwetso gore moemedi e nna mang mme bokopano jwa go nna jalo  bo ka gotlhagotlhana le melao ya COVID 19. Mo nakong eno a re ba buisana le lephata la  makgotla  a  Setswana gore ba sebaka sa bone sa phiro se yang kwa bokhutlong, ba name ba okeleditswe.

“Le go emisetsa lepolotiki go tshwanetse ga bulelwa ipapatso e e mashetla gore ope a seka a re o beilwe ka fa mosing,” Mothusa Tautona a tlhalosa.

O solefeditse gore fa COVID-19 e kokobela, ba ba tlhokang go emisediwa, go tlaa dirwa jalo. 

Rre Tsogwane o tlhaloseditse morafe gore puso e mo dipaakanyong tsa go kanoka molao-motheo.

A re tshekatsheko ya molao- motheo e tshwanetse ya dirwa ka manontlhotlho le dipelo tse di edileng mme a kopa morafe go tswelela ba tlotla molao-motheo o o santseng o le mo tirisong go fithelela o fetolwa.

Mothusa Tautona one gape tlhalosa fa puso e tlaa tswelela ka go tokafatsa ditirelo tse e di isang kwa Central Kalahari Game Reserve.

Mopalamente wa Ghanzi  Borwa, Rre Motsamai Motsamai ene o supile matshwenyego ka tsela e e sa siamang e e tswang Ghanzi  e ya New Xade, a re e tshwanetse ya tokafadiwa ka e ya kwa mafelong a go ntshiwang dijo teng le mafelo a bojanala.

Mothusa Tautona o ne gape a etela banni ba New Xade ba ba thusitsweng ka mananeo a puso go ba kgothatsa go inaakanya le maranyane go godisa dikgwebo tsa bone gore di nne le seabe mo kgodisong ya itsholelo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Mothusi Galekhutle

Location : New Xade

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 07 Jun 2021