Sekole sa TUSS se ikana go ntsha ga tshwene
07 Jun 2021
Rre David Krzywda go tswa ofising ya boemedi jwa lefatshe la Amerika mo Botswana a re ba na le tsholofelo ya gore dikapetlana tsa maranyane tse ba di abetseng baithuti ba sekole se segolwane sa Tsabong Unified di tlaa tokafatsa maduo, bogolo jang mo nakong ya COVID 19.
Fa a aba dimpho tseo bosheng, Rre Krzywda o ne a supa fa bolwetse jwa COVID-19 bo fetotse ka fa batho ba tshelang ka teng, ka jalo a supa fa dikapetlana di tlaa thusa mo go tokofatseng le go tswa ka ditharabololo mo dithutong tsa bone.
O ne a supa fa sekole sa Tsabong Unified e le sengwe sa dikole tse di segofetseng ka go tlaa romelwa barutabana ba nakwana go tswa Amerika go tla go ruta thuto ya Sekgoa.
O boletse fa tshwaragano ya ofisi ya bone le mongwe wa barutabana mo sekoleng seo Mme Christinah Hambira, e ba kgontshitse gore ba abele baithuti dimpho go ba thusa go tlhabolola le go anywa dikitso mo dithutong tsa bone ka maranayane.
Mo mafokong a gagwe, mothusa mogokgo, Rre Biliki Mooketsa o ne a tlhalosa fa maduo a sekole seo a sa kgatlhise mme a supa fa mpho e a e filweng e tlaa tsisa pharologanyo ka baithuti ba ka kgona go ithuta ba le kwa malwapeng ka maranyane le gone go batlisisa mo go tseneletseng mabapi le dithuto.
Rre Mooketsa o ne a tlhalosa fa baithuti mo sekoleng seo ba le 1 627 fa ba mophato wa ntlha go ema ka wa boraro ba le 1 129 le ba le 498 e le ba mophato wa bone le botlhano.
O boletse fa maduo a ngogola a ne a sa itumedise a re mophato wa boraro e ne e le 31 per cent fa wa botlhano e ne e le 14.53 per cent.
Le fa go ntse jalo, a re e le barutabana mo sekoleng seo ba na le tiro e ntsi le gone go dira ka natla go tlhabolola maduo.
Mme Hambira o ne a tlhalosa fa a ne a ithaopela le go tswa ka lenaneo la go thusa baithuti ba ba tlogetseng sekole ka boimana go boela sekoleng ka 2009 a santse a berekela kwa sekoleng se segolwane sa Kgari Sechele kwa Molepolole.
O boletse fa a ne a tlhophiwa go emela Botswana kwa Malawi ka 2013, 2014 kwa Uganda ka dikgang tsa baithuti ba ba tsholang bana ba sa ntse ba le mo dikoleng mme ka one ngwaga oo, a neelwa seetsele Ke BIUST sa mofenyi wa tiro e e tlhwatlhwa e bile e na le boleng.
A re ka 2015 o ne a ya kwa Amerika lebaka la dikgwedi tse thataro go ya go ithuta mo go tseneletseng le gone go tsaya malebela ka fa ba thusang baithuti ba ba ntseng jalo ka teng, mme morago a neelwa P50 000 go a dirisa mo go tsa maranayane mo sekoleng seo.
Mme Hambira yo o tlholegang mo Kgalagadi Borwa, o ne a tlhalosa fa e ne ya re ngwaga o o fetileng ka nako ya kiletso mesepele a nna le mogopolo wa go kopela sekole sa Tsabong Unified dithuso tsa dikapetlana mo boemeding jwa Amerika mono Botswana.
O boletse fa a ne a gwetlhwa ke gore baithuti ba ba mo dikoleng tse di kgakala le ditlamelo ba salela kwa morago fa go tla mo go tsa maranyane mme seo e ka nna poelo morago mo go bone fa dikole di sa ntse di tswetswe ka nako ya kiletso mesepele.
O ne a supa fa a ne a atlega mme ba boemedi jwa Amerika ba mo neela P220 000 go reka dikapetlana di le masome a mane go dirisiwa mo dithutong tsa Physics.
Mme Hambira o ne a tlatsa ka go supa fa maikaelelo e le go tswelela a kopa dithuso mo dikomponeng tse dingwe gore di kgone go thusa maphata a mangwe mo sekoleng.
Mookamela Lephata la Thuto go tswa kwa Moding mo Kgalagadi Mme Maipelo Kesenye fa a tswa la gagwe o ne a supa fa mpho e ba e filweng e tlaa thusa go diragatsa lengwe la matshego le maitlamo a ga Tautona a go rotloetsa tiriso ya maranyane le gone go tokafasa maduo mo sekoleng seo le matshelo a batho mo kgaolong.
Mo mafokong a gagwe a tebogo, Mopalamente wa Kgalgadi Borwa, Rre Sam Brooks o ne a gakolola baithuti go dirisa mpho e ba e neetsweng ka fa go tshwanetseng ka teng ka e ka ba solegela molemo go nna le bokamoso jo bo eletsegang mo isagong.
Mopalamente o ne a supa fa di tlaa ba thusa go le gontsi ka fa ba akanyang ka teng le gone go ba tlhabolola ka dikitso tsa tiriso ya sebalamakgolo.
Rre Brooks o ne a kgothatsa baithuti go tsenya marapo dinameng mo dithutong tsa bone go tlhomamisa gore maduo a bone e nna a a eletsegang le gone go fetola Kgalagadi Borwa ka go e tlotlomatsa ka serodumo sa baithuti ba tlhwatlhwa.
Mongwe wa baithuti ba mophato wa botlhano, Mme Nako Wamakala o ne a tletse ka boitumelo a re dimpho tse ba di neetsweng di tlaa tsisa pharologanyo ka ba ka di dirisa fa ba sa tlhaloganyang barutabana teng ka go batlisisa go feta, e bile go le motlhofo.
A re maduo a ngwaga ono e tla nna a a botoka. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : Tsabong
Event : Kabo dimpho
Date : 07 Jun 2021