Moeteledipele o akgola lekgotlana
07 Jun 2021
Moeteledipele wa lekgotla la dikereke tsa semoa la Organisation of African Instituted Churches (OAIC), Dr Tebogo Motlhagodi o akgotse lekgotlana la Kasane Sub-chapter go bo le ipeile mo dinakong ka go tlhama komiti ya bomme le ya banana.
E rile a buisa baeteledipele ba lekgotla leo ka Labotlhano, Dr Motlhagodi a re Kasane ke lone lekgotlana la ntlha go tlhama dikomiti tseo mme a re seo se supa fa direkere tsa semoa tse di mo Kasane di na le maikaelelo a go itebaganya le matshwenyego a a tshabelelang bomme le banana.
Fa a bua ka tse dingwe, Dr Motlhagodi o ne a gakolola ba- tsena phuthego eo go tswelela ba sala morago dikgakololo tsa botsogo tsa go itshireletsa mo bolwetseng jwa COVID-19 ka segajaja seo se tsweletse ka go gapa matshelo a batho.
A re batho fa ba le mo dikerekeng ba tswelele ka go katologana le gone ba seka ba bina, fela jaaka ba botsogo ba laetse.
A re go ka utlwisa botlhoko gore badumedi ba itlhokomolose ditaelo tsa botsogo mme ba bo ba nyelediwa ke bolwetse.
Dr Motlhagodi a re go maswabi gore e re go santse go lowa le segajaja sa COVID-19, baruti bangwe ba bo ba santse ba kubetsana le go gogagoganela go batla maemo mme e le nako e e thata ya go rapedisa lefatshe.
O kopile dikereke gore fa go nnang le ketsaetsego teng di tlhodumele molao-motheo wa tsone go senka dikarabo.
O bile a lekodisa phuthego gore dikereke tsa semoa di tlhomile komiti ya baporofiti e e bidiwang National Prophetic Committee ka go lemogilwe fa baporofiti bangwe ba sa laolesege e bile ka dinako dingwe ba thuba dikereke.
A re ka komiti eo go tlaa kwadisa baporofiti botlhe, a bo a re go kwadisiwa moo go ka thusa ka nako ya mathata a tshwana le melelo ya diphera ka jaana lefatshe le tlaa itse gore go ka lejwa kwa go mang go batla thuso.
A re go lemogilwe gape gore go na le ketsaetsego ka jaana baporofiti bangwe ba ikwadisitse le lekgotla la dingaka tsa setso mme e bile ba dira madi ka leina a kereke mme ba sa duele lekgetho kwa pusong.
O bile a bolelela phuthego gore komiti kgolo ya OAIC e ne e kopane le Tona wa Boagedi, Mesepele le Bong Mme Anna Mokgethi ba kopa gore dipalo tsa batsena tirelo di okediwe go tswa mo go masome matlhano go ya kwa go lekgolo mme tona o kopile gore go name go lebeletswe pele seemo sa bolwetse pele ga go ka dumalanwa kana ga ganwa kopo eo.
Mo go tsa pego ya ngwaga le ngwaga ya tsa madi a 2020/21, Dr Motlhagodi o tlhalositse gore ka lebaka la COVID-19, dikereke ga di na go tshwanelwa ke go tshwara bokopano jwa ngwaga le ngwaga, go isa maina a batsena bokopano joo le go isa dintlha tsa phuthego, ka jalo komiti ya kereke e tlaa kopana e rulaganye tse dingwe tse di tlhokegang mme e di romele kwa mokwadising wa makgotla.
E ntse e le mo go tse di amang matona a puso, Dr Motlhagodi a re ka lefatshe leno le agetswe mo pusong ya batho ka batho, Tona mo Ofising ya ga Tautona o kopile dikereke go nna le seabe mo tshekatshekong ya molao-motheo wa lefatshe e e tlaa dirwang mo bogaufing.
E ne e rile a amogela batsena phuthego, modulasetilo wa Kasane Sub-chapter Moruti Obadia Tshupo a lela ka letlhoko la ditsha tsa dikereke e bile a re letlhoko le itsa dikereke go aga dikago tsa sennela ruri ka di tsenela mo mafelong a nama-o-sa-tshwere.
O kopile dikereke go tswelela di obamela melawana ya COVID-19 e bile a re o leboga gore mo bosheng go ne ga nna le letsholo la go tlhodumela gore a dikereke di dira tse di maleba mabapi le COVID-19 mme mo Kasane ga go na kereke epe ya semoa e e neng ya atlholelwa tlolo molao.
Modulasetilo wa lekgotla la baruti mo Chobe, Moruti Kalabe Lopang o ne a kopa dikereke ka go farologana go tshwaragana le go dira mmogo.
A re ka dinako tshotlhe go botlhokwa go supetsa batho ba ba sa tseneng kereke lorato gore ba tle ba kgatlhegele kereke. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Keamogetse Letsholo
Location : Kasane
Event : Bokopano
Date : 07 Jun 2021