Breaking News

Mapodisi a Mochudi a tlhotlhomisa kotsi

06 Jun 2021

 Mapodisi a Mochudi a tlhotlhomisa kotsi ya tsela e e gapileng botshelo jwa rre mongwe dikhilomethara tse di lesome go tswa borwa jwa Mosaditshwene.

Mo potsolotsong, mookamela mapodisi a tsela a Mochudi, Superintendent Seabelo Gwamba a re kotsi eo e diragetse ka nako ya masome a mararo go tlogela lesome le bongwe mo mosong.

Supt. Gwamba a re kotsi e ne ya ama koloi ya Mazda e e neng e tswa bokone e ya borwa e goga combi le teraka e e neng e tswa borwa e ya bokone.

A re teraka e ne e na le batho ba le babedi, a tlhalosa fa batho botlhe ba ba neng ba le mo dipalamong tseo ka boraro e le ba dingwaga tse di fa gare ga masome a mabedi le boferabobedi le masome a mane le borataro.

A re ditlhotlhomiso tse di tsweletseng di supa fa koloi ya Mazda e ne ya tswa mo taolong mme ya thulana le teraka mme morago ya kapa molelo, fa mokgweetsi wa combi le wa teraka le mopalami ba sa bona dikgobalo. 

Supt Gwamba a re maitemogelo a bone ke gore bakgweetsi ka bontsi ga ba obamele matshwao a tsela, a kaya fa gape dikotsi tsa tsela ka bontsi di diragala ka ntlha ya go kgweetsa ka lebelo le le kwa godimo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Sandra Sethaiso

Location : Mochudi

Event : Potsolotso

Date : 06 Jun 2021