Ditlou di kgaphisa banni ba bokone botlhaba sethitho
06 Jun 2021
Go tlhorontshiwa ke ditlou, segolo jang ka paka ya temo, e setse e le tlwaelo mo banning ba Sekakangwe, Mbalambi le metse e mengwe e e sebapi kwa kgaolong ya Bokoni Botlhaba.
Kgosi Boitshepo Maselwa wa Sekakangwe le Kgosi Bernard Mbalambi wa Mbalambi ba tlhaloseditse BOPA fa ditlou tse go belaesega di tswa kwa Zimbabwe.
Kgosi Maselwa o supile fa ditlou di tlaa felela di humanegisitse banni ka gore gangwe le gape, di tlogela balemi bangwe ba iphotlhere mme se, se phirimise ditoro tsa bone tsa go iterela dijo.
A re bosheng ditlou di ne tsa thibelela jaaka gale mo kgalong, mme tsa kgaola terata e e kgaoganyang masimo le mafudiso, tsa itirela go rata mo masimong a bangwe jaanong ba itswetse fela.
Kgosi Maselwa a re e ne ya re di sena go kgaola terata, leruo la tlhagela mo masimong go ja dijalo mo go pateleditseng bangwe go roba di ise di wele go ka rojwa e le go leka go di falotsa le go iphalotsa mo diphatsheng tsa go ka tlhaselwa ke ditlou ba le kwa masimo.
O tlhalositse fa seemo se, se ba baya ka fa mosing ka dijalo di rojwa di budule gore di nne le boleng.
Kgosi Maselwa a re ditlou gape di kgaola terata ya molelwane mme dikgomo go tswa matlhakoreng oo mabedi di tlhakane.
A re se, se tlaa felela se humanegisa banni ka gore fa dikgomo tsa bone di tlolela kwa Zimbabwe kgotsa di amana le tsa koo, di patelesega go bolawa go tila kanamo ya malwetsi a leruo.
Kgosi Mbalambi ene o kaile fa go tlhorontshiwa ke ditlou go tlaa felela go nyemisa banni moko go lema.
A re kwa Mbalambi, ditlou di bakile tshenyo mo ditshimong di ka fera bongwe tse beng ba itswetseng fela.
Kgosi Mbalambi a re banni ba tlaa dika ba wetse mo isong ntateng ya tshenyo ya ditlou mme a kopa lephata la diphologolo le makgabisa naga go tsiboga ka nako fa ba begelwa ditlou tse di sasankegang mo tikologong e batho ba tshelelang mo go yone.
A re kwa Mbalambi banni ba tshelela mo letshogong ka di setse di atumela kwa malwapeng.
Kgosi Mbalambi le Kgosi Maselwa ba re tharabololo ke go di bolaya ka gore bonnyennyane jo batho ba atswiwang ka jone fa di ba senyeditse, ga bo a lekana ka bo sa kgone go baakanya tshenyo yotlhe.
Mongwe wa balemi kwa Sekakangwe, Rre Shepard Mogapi o boletse fa a feletse a roba dijalo di santse di le tala go di falotsa ditlou.
A re o lemoga fa seo se sa merekela ka di ne tsa senyega di le mo seraleng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : Sekakangwe
Event : Potsolotso
Date : 06 Jun 2021