Mekento ya corona e babalesegile - Tona Morwaeng
06 Jun 2021
Mopalamente wa Molepolole Borwa, Rre Kabo Morwaeng a re o netefaditse fa mekento e e rekilweng ke puso go lwantsha bolwetse jwa COVID-19 e babalesegile go ka dirisiwa.
Fa a bua mo diphuthegong tsa kgotla kwa masimong a Ramakgatlanyane le Diagane ka Labotlhano, Rre Morwaeng o boletse fa puso e ka seka ya reka mekento e e borai mme a kopa botlhe go ikenta.
Rre Morwaeng, yo gape e leng tona wa Lephata la Merero ya Ofisi ya ga Tautona, Tsamaiso le Bodirela Puso, o boletse fa mekento e puso e e rekileng, e le ya boleng jo bo kwa godimo ka e tlhatlhobilwe ke bomaitseanape ba mafatshefatshe e bile puso e se kake ya reka mekento e e borai mo matshelong a batho.
O tlhalositse fa bolwetse jwa COVID-19 bo amile ditlamelo tsa puso ka mo nakong eno puso e tsere tshwetso ya go boloka matshelo a batho mme se, se bakile gore dingwe ditlhabololo di name di emisitswe.
A re mo nakong eno, madi a le mantsi a dirisiwa go lwantsha bolwetse, go reka dipipa molomo, dibolaya mogare le diaparo tsa itshireletso tse di tlhokwang ke ba botsogo.
Rre Morwaeng o kopile banni ba masimo ao go tswelela ba sala ditaelo tsa ba botsogo morago, a tlatsa ka go re melawana e e beilweng ga se ya botlatlapi, ke ya go sireletsa matshelo a Batswana.
Mo nakong eno, go setse go tlhokafetse batho ba le 866 mme e, ke palo e ntsi fa go lebelelwa palo yotlhe ya batho mo lefatsheng leno.
Mo go tse dingwe, Rre Morwaeng o kopile banni go tsaya karolo nako e go baakanngwang molao-motheo wa lefatshe.
O boletse fa molao-motheo o diretse lefatshe leno ka lebaka mo ka nakong eno go iseng go nne le dikgoberego mme jaanong nako e tsile gore o sekasekwe.
Banni e rile ba a kgwa tona dikgaba, ba lela ka dipalo tse di kwa tlase tsa batho ba ba thapiwang mo Ipelegeng.
Ba masimo a Phokoje ba re ba bogisiwa ke go tsoga makuku ka ba hirelwa kwa Diagane ntswa go le kgakala le bone.
Rre Lekgoa Dingalo wa Ramakgatlanyane a re ba tshelela mo lehumeng gape ba bolawa ke lenyora.
Rre Daniel Sekgoma e ntse e le wa Ramakgatlanane, o ikuetse ka bogodu jwa leruo mo kgaolong ya bone.
E rile a araba, mokhanselara wa kgaolo, Rre Kabelo Seloma a tlhalosa fa a ne a tsenya kopo ya gore batho ba Ipelegeng ba okediwe mme ya re a santse a letile karabo, ga goroga mokwalo wa gore dipalo tsa batho di fokodiwe ka lebaka la tlhaelo ya madi mme a ba tshepisa fa a tlaa tswelela le kopo ya gagwe.
O kaile gape fa ba tlaa leka go bona gore batho ba Phokoje le ba Ramakgatlanyane ga ba kopanngwe mo Ipelegeng.
Mo go ya metsi, ene le mopalamente ba tshepisitse fa ba tlaa sekaseka gore seemo se ka rarabololwa jang. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tebagano Ntshole
Location : Molepolole
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 06 Jun 2021