Breaking News

Barutabana ba amogela dietsele

06 Jun 2021

Barutabana ba kgaolo- potlana ya Serowe ba le lesome le bongwe ba amogetse dietsele ka letsatsi la barutabana ka Labotlhano .

Barutabana ba ne ba amogela dietsele ka go farologana di akaretsa tsa ba ba berekileng ka lobaka le ka bonatla, ba ba berekileng dingwaga di le masome a mabedi le botlhano le ba ba setseng ba kgabagantse bogare jwa dingwaga mo loetong lwa tiro gape ba dira ka bonatla.

Barutabana ba le babedi ba ne ba amogela seetsele sa ba ba berekileng ka lobaka le ka bonatla, ba supa ba ne ba amogela sa ba ba berekileng dingwaga di le masome a mabedi le botlhano fa ba le babedi ba ne ba amogela sa ba ba ha gare mo loetong lwa tiro ba dira ka bonatla.

Kabo dietsele eo, e ne e na le pharologanyo le tsa dingwaga tse di fetileng tse ka nako tsotlhe barutabana ba neng ba phuthaganela kwa Gaborone go fiwa dietsele ke Tautona, mme ka ntata ya bolwetse jwa COVID-19 ba ne ba ikgaoganya ka dikgaolwana go hema mosuke o o ka tlogang wa anamisa bolwetse.

Barutabana ba ba neng ba tsaya dietsele ba ne ba lebile setshwantsho sa motshikinyego ba le mo dikgaolwaneng tsa bone e bile ba reeditse molaetsa o ba neng ba o fiwa ke Tautona Dr Mokgweetsi Masisi, moemedi wa makgotla a barutabana le Tona wa Thuto go tswa kwa Moding, Rre Fidelis Molao kwa Gaborone.

Mongwe wa ba ba neng ba tsaya dietsele, Mme Sylvia Moalosi o ne a fiwa seetsele sa morutabana yo o berekileng ka lobaka le ka bonatla ke mogolwane mo Lephateng la Thuto go tswa kwa Moding mo kgaolong ya legare, Rre Sonny Mooketsi. 

O supile fa a itumeletse seetsele se a se neetsweng sa morutabana yo o berekileng ka se supa fa a tsweletse a dira ka natla.

A re o setse a kile a tsaya seetsele sa morutabana yo o berekileng dingwaga di le masome a mabedi le botlhano ga mmogo le sa morutabana yo o fa gare mo loetong lwa tiro e bile a dira ka bonatla mme o ne a tswelela a dira ka natla go fitlhelela a tsaya seetsele se a se tsereng.

Mme Moalosi yo e leng mogokgo wa sekole sa Riverside mo Serowe a re ba dira mo nakong e e thata ya seemo sa COVID-19 mme ga ba ineele e le barutabana.

A re o na le lerato le lentsi la gore tshaba ya lefatshe leno e rutege ka tiro e a tsweletseng a e dira.

O sale a simolotse tiro ya gagwe ka 1990 a ba a dira mo dikoleng tse di farologaneng.

Mme Doreen Phole yo o tsereng seetsele sa morutabana yo o fa gare mo leotong lwa tiro e bile a dira ka bonatla, a re seetsele se a se neetsweng se a mo kgothatsa ka go supa gore tiro ya gagwe e a e dirang e a bonala. A re seetsele ke kgothatso mo go ene mme o tlaa tswelela ka tiro ya gagwe ya borutabana e a e simolotseng ka 2005.

O ne a kgothatsa barutabana go tswelela ka tiro ya bone ka thuto e le boswa jo go senang ope yo o ka bo tseelang yo mongwe. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : Serowe

Event : Tsatsi la barutabana

Date : 06 Jun 2021