Breaking News

Thapelo e lere tsholofelo - Makwinja

06 Jun 2021

Mothusa tona mo lephateng la Thuto go tswa kwa Moding mme Nnaniki Makwinja, a re seemo sa COVID- 19 se se gateletseng maikutlo a setshaba, se tlhoka thapelo go fa batho tsholofelo.

O buile jaana kwa thulaganyong ya merapelo le go tshuba dikerese tsa tsholofelo kwa kgotleng ya Lentsweletau Seetebosigo a tlhola gararo. 

Mme Makwinja o ne a supa fa seemo sa nako eno se thokisa malwapa boroko, ka jalo se tlhoka phunyeletso ya dithapelo go sedila batho maikutlo le gone go ba fa tsholofelo go itse fa se tlaa feta.

Tona Makwinja o ne a supa fa merapelo eo e e neng e tsenwe ke bogogi jwa motse le boeteledipele jwa dikerere, e itebagantse le go lemoga ba ba latlhegetsweng ke ba masika ka ntlha ya bolwetse jwa corona le badiredi ba ditiro tsa bone di ba bayang mo diphatseng jaaka baoki le barutabana.

“Go botlhokwa go dira thulaganyo ya go nna jaana go lemoga bangwe ka rona le go lere tsholofelo mo go ba ba tshwereng gore ba seka ba imelwa ke maikutlo ka ntlha ya mabaka a ba direlang mo go one,” ga bua mothusa tona

Mothusa tona o rotloeditse morafe go amogela fa metlha ya nako eno e sa tlhole e le ya go dira dilo ka tlwaelo ka jaana e kgoreletsa dithulaganyo tsa gale tsa go tshedisanya, mme go direlwa tsotlhe mo lepotlapotleng le letshogo.

Molaodi wa kgaolo ya Mokwena Mme Berenice Berman-Mosime e ne e rile go le pele a tlhalosa maikaelelo a thulaganyo eo, a kgothatsa setshaba go amogela diphetogo tse di tlang le seemo sa nako eno, go hema gore mo tsamaong ya nako se bo se ka ama thata go ntshiwa ga ditirelo ka ntlha ya koketsego ya dintsho tse di ka tlang le kgolo ya bolwetse.

“A re tsweleleng re tshwaraganye go thusa puso go lwantsha kanamo ya bolwetse jwa COVID-19 ka go sala morago ditaelo le dikgakololo tsa babotsogo le go tlhomamisa pabalesego ya bana ba dikole  ka ba na le bokgoni jwa go ka anamisa mogare, o o sa ba ameng ka bokete le fa o ba tsene, go na le rona re le botsadi,” ga gakolola Molaodi Berman-Mosime.

Mooki mogolo wa kokelo ya kgaolo ya Lentsweletau le tikologo Mme Masego Rapula a re ntswa seemo sa kgolo ya bolwetse se nametsa kwa kgaolong eo, ba santse ba tsweletse ka go itemogela matshwenyego kwa motseng wa Kopong, ka dipalo tsa dintsho le kgolo ya bolwetse.

Mooki Rapula a re seemo sa batho ba ba tshwarwang ka mogare mo kgaolong ya bone ke se se fang tsholofelo morago ga go itemogela kgolo e e neng ya baka ketsaetsego ka dikgwedi tsa Hirikgong le Tlhakole, bothata jo bo neng jwa ama dikole tse di neng tsa kwadisa baithuti ba le masome a a supang ba ba neng ba tshwerwe ka mogare.

O rotloeditse batho go kgothala le go tsaya boikarabelo mo maitekong a go netefatsa gore matshelo a setshaba a tswelela a babalesegile, le gone go tlhofofaletsa puso morwalo wa go tlamela setshaba. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kebaeditse Baitlotli

Location : Lentsweletau

Event : Merapelo

Date : 06 Jun 2021