Mapodisi a mo letsomong la magodu
06 Jun 2021
Mogolwane wa mapodisi a Maun, Superintendent Chenamo Orateng o ikuetse mo setshabeng go ba thusa go batla magodu a dikgomo.
Mo potsolosong le BOPA, Rre Orateng o tlhalositse fa ba fitlhetse matlalo a dikgomo kwa morakeng wa Komkoga gaufi le Nxaraga.
A re ba sepodisi ba itshwaragantse le ba lekgotla la barui ba Nxaraga ba ne baya kwa morakeng oo bosheng go ya go bona seemo.
Rre Orateng o tlhalositse fa ba fitlhetse matlalo a dikgomo a a tshubilweng le matlalo a go dibolotsweng tshipi ya dikgomo mo go one.
O ne a supa fa ka maswabi ba ise ba tshware dilalome tseo, ka jalo a kopa setshaba go ba thusa go ba tshwara.
O ne gape a kopa setshaba le ba ba nang le marekisetso a nama go emeisa go reka nama ya bogodu a re ba sale morago tsamaiso ya go reka nama kwa matlhabelong kgotsa kwa marekisetsong a nama.
Rre Orateng a re go reka nama kwa marekisetsong go maleba ka batho ba reka nama e e tlhabilweng ka fa molaong e bile go sireletsegile mo botsogong.
A re seemo sa bogodu jwa leruo se a tshwenya mo kgaolong ya gagwe ya sepodisi, a tlhalosa gore fa e sale ngwaga ono o simologa go fitlha mo kgweding ya gompieno ba nnile le dikgang di le masome mabedi le bongwe.
O supile fa bogodu jwa leruo e le poelo-morago mo baruing.
Rre Orateng o supile fa ba tshweletse ka go dira ditshekatsheko mo marekisetsong a nama gangwe le gape go netefatsa gore nama e e rekisiwang ke e e rekilweng e bo e tlhajwa ka fa molaong. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kedirebofe Pelontle
Location : Maun
Event : Potsolotso
Date : 06 Jun 2021