Breaking News

Kgosi Puso o a gomotsa

06 Jun 2021

Modulasetilo wa Ntlo ya Dikgosi, Kgosi Puso wa Batlokwa o tlhalositse fa Ntlo ya Dikgosi e latlhegetswe ke leloko la motia mo go Reverend Kgosi Kegaisamang Ramokwena.

Kgosi Puso o buile jaana fa a ne a ile go gomotsa ba lelwapa la ga Reverend Kgosi Ramokwena ka Matlhatso kwa Maun.

Reverend Kgosi Ramokwena o tlhokafetse Tlhakole e tlhola masome mabedi le borobabobedi, malatsi morago ga go tshwarwa ka bolwetse jwa corona.

O tlhokafala  a le dingwaga di masome a supa le bongwe.

Reverend Kgosi Ramokwena e ne e le leleloko la Ntlo ya Dikgosi la paka e e simolotseng ka 2019 e fela ka 2024. 

Kgosi Puso yo o neng a patilwe ke mothusi wa gagwe e bong Kgosi Tshipe Tshipe o ne a re e le ba Ntlo ya Dikgosi ba ne ba sa kgona go tla phitlhong ya mongwe ka bone, ka jalo ba ne ba kopa motshwarelela bogosi jwa Batawana, Kgosi Kealetile Moremi go emela Ntlo ya Dikgosi ka nako eo.

A re e le ba Ntlo ya Dikgosi ga ba kake ba lebala ba lelwapa loora Mokwena, ka e bile e ne e se la ntlha e nna leloko la Ntlo ya Dikgosi, a tlatsa ka go re o kile a nna leloko ka 2009 go fitlhelela ka 2014.

Kgosi Puso o ne a tlhalosa fa ba Ntlo ya Dikgosi ba akotse go le gontsi mo go Reverend Kgosi Ramokwena yo  a reng o ne e le moruti, motsadi e bile a a fa bogakolodi jo bo tsepameng ka dinako tsotlhe.

O tlhalositse fa go nna kgosi e bile e le moruti go ne go dira gore a nne motho yo o faphegile ka a re ditiro tse pedi tseo di lebagane le go aga le go direla setshaba.

Fa a afa tekodiso mo boemong jwa ba lelwapa, Rre John Wellio yo e leng ngwana wa ga mogolowe Reverend Kgosi Ramokwena o ne a leboga ba Ntlo ya Dikgosi go bo ba bonye go le botlhokwa go tla go ba gomotsa e le ba lelwapa loora Mokwena.

Rre Wellio o ne a tlhalosa fa moswi Reverend Kgosi  Ramokwena a ne a tlhoka go ikutlwa sentle a na le dikai tsa letshoroma tse di neng tsa oketsega go fitlhelela a ya bookelong Tlhakole a le masome mabedi le boraro mme a feta a tlhatlhojwa go bo go fitlhelwa a na le mogare wa COVID-19.

Rre Wellio o tlhalositse fa Reverend Kgosi Ramokwena a ne a gatelelwa ke bolwetse Tlhakole a tlhola masome mabedi le bosupa mme a isiwa kwa kokelong ya Letsholathebe kwa a fetileng a tlhokafala teng mme a bolokwa Mopitlo e tlhola garataro.

A ne a tswelela a re mmngwaneagwe Reverend Kgosi Ramokwena le ene o ne a tlhokafala morago ga malatsinyana. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kedirebofe Pelontle

Location : Maun

Event : Kgomotso

Date : 06 Jun 2021