Breaking News

Ditirelo tsa matlakala di amegile

03 Jun 2021

Mogolwane mo lephateng la matlakala le kgotlelo tikologo, Mme Oarabile Serumola, a re go lemosega fa matlakala a godile fa e sale tlhagogo ya COVID-19.

O buile se bosheng fa a lekodisa babega dikgang ka fa segajaja se amileng ditirelo tsa bone ka teng.

A re matlakala a a tsewang mo malwapeng le mafelo mangwe jaaka dikole a godile ka batho ba ne ba fetola ka fa ba neng ba tshela ka teng.

Mme Serumola a re ka nako ya kiletso mesepele, batho ba ne ba nna kwa malwapeng ka jalo go ne go rekwa dijo tse dintsi le didirisiwa dingwe jaaka dibolaya megare.

A re mafelo a batho ba ba mo serubing a ne a oketsa matlakala ka jaana a ba mo serubing a tshwanelwa go tshwarwa ka tsela e e haphegileng.

A re COVID-19 e a ilelwa ka jalo ba rotloetsa Batswana go dirisa polokelo e e tshwanetseng go sireletsa le bone ba ba tsayang matlakala.

Mme Serumola a re le ntswa ba sa rotloetse go tshubiwa ga matlakala, motho yo o mo serubing o ka phuthela matlakala, a epe lehuthi mme a tshuba matlakala ao, ka tsholofelo ya gore matlakala ao a bo a se mantsi.

Mogolwane a re dirisiwa tsa batho ba ba serubing di tsewa jaaka matlakala a a borai, a re ke ka jalo mo dirubing tsa puso balwetse ba jela mo dijaneng tsa nakwana.

Mme Serumola a re bolwetse jo bo ba okeleditse bokete jwa matlakala, ka jalo a re ba lebanye le kgwetlho ya go babalela matlakala.

A re mafelo mangwe a go latlhelwang matlakala kwa go one ga a agelelwa, ka jalo go le borai go lathela matlakala a yo o mo serubing mo matlakaleng a mo lwapeng.

A re ka mafelo ao a sa agelelwa dintsa le batho ba ba selang mabotlele le tse dingwe kwa mafelong a ba ka felela ba amilwe ke matlakala a.

 A re fa gongwe dintsa di tsholola matlakala, ka jalo di amane le didirisiwa tsa yo o nang le mogare mme ka jalo e fetise mogare kwa ba ba amanang le yone a re ka jalo matlakala a molwetse a sa tshwanela go tsena mo go a mo lwapeng.    

Mme Serumola a re go botlhokwa gore botlhe ba itlame mo pabalesegong ya matlakala go itsa kanamo ya mogare.

A re tiriso ya polokelo matlakala e e tshwanetseng e a thusa ka go raya gore batho ga ba dirise dibolaya megare tse dintsi  tse di ka amang botsogo ja bangwe le yone tikologo.

Mme Tshenolo Sechele  ene o ne a re matlakala fa a sa tshwara ka fa tshwanelong a ka nna borai mo matshelong a batho.

  O ne a rotloetsa Batswana go nna le kelelelo bogolo jang fa ba latlha matlakala jaaka dibipa molomo le nko le di tsengwe mo polasetekeng pele ga di latlhelwa mo tankeng ya matlakala.

Mme Sechele a re ga se gantsi motho a ka bula matlakala a a funetsweng.   

A re ga go bonolo go fitlhelela go tseela botlhe matlakala,  ka bangwe ba ithophela go ikokela kwa mafelong a a kgakala jaaka masimo, motho o ka tshuba matlakala a didirisiwa tsa bolwetse, a re seo ga se reye gore batho ba tshube matlakala.

Mma Sechele a re go mo maruding a botlhe go itlhokomela jaaka go feta ka kokelwana go latlha matlakala a a borai le gone go dirisa dibipa molomo le nko tse di tlhatswiwang ka tsone di fokotse bokete jwa matlakala.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Bonang Masolotate

Location : GABORONE

Event : Phuthego ya Babegadikgang

Date : 03 Jun 2021