Breaking News

Mogwebi o akgola lenaneo

03 Jun 2021

Mogwebi, Mme Cecilia Ketshabile, wa kgotla ya Magapatona kwa Tutume a re lenaneo le le thusang bagwebi ba ba botlana le mo thusitse fela thata.

Mo potsolotso bosheng, Mme Ketshabile a re e rile go utlwa fa go na le lenaneo le le thusang bagwebi ba ba botlana go tsosolosa dikgwebo tsa bone, a nna mongwe wa ba ba neng baya go ikopela thuso eo.

Mme Ketshabile o itshetsa ka go rekisa merogo, ditamati le tse dingwe kwa marekisetsong. 

O  boletse fa a ne a neelwa sekete sa dipula ka kgwedi ya Moranang mme a kgona go tsosolosa kgwebo ya gagwe e e neng e setse e phutlhame.

O ne a tlhalosa gore le ntswa a sa dire madi a a kalo, bana ba gagwe ga ba lale ka tlala ka o kgona le gone go ba tsenya sekole.

A re kgwetlho ya gagwe ke gore bareki ba boutsana ka a bapile le madirelo a matona, ka jalo  merogo ya gagwe e felela e senyega, mme seo se bake tatlhegelo mo kgwebong ya gagwe.

Mme Ketshabile a re fa ne dingwaga di mo letla o ka bo a ya go tsaya lenaneo la banana ka a bona banana ba sa le tsibogele, a kopa puso go sekaseke mananeo a a ka sologelang bagolo molemo.

A re se se ka thusa go tlhama ditiro tse di ka thapang banana.

O ne a rotloetsa Batswana  go inaakanya le mananeo a puso gore ba kgone go inamola mo leubeng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : TUTUME

Event : Potsolotso

Date : 03 Jun 2021