Ba Tidimalo ba tshwenngwa ke matlotla
03 Jun 2021
Banni ba kgotla ya Tidimalo kwa Serowe ba re ba tshwenngwa ke mafelo mangwe a a fetogileng matlotla ka a baya matshelo a bone mo diphatseng.
Ba buile se bosheng mo phuthegong e e neng e buisiwa ke mopalamente wa Serowe Bokone, Rre Baratiwa Mathoothe.
Phuthego eo e ne e tsenwe ke dikgosi, maloko a komiti ya ditlhabololo tsa motse le maloko a komiti ya temo-thuo.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa Ramothopi, Rre Palagabedi Nare, o ne a fa sekai ka Old Study Group le sekole se segologolo se se kwa kgotleng ya Motalaote tse mo nakong eno di fetogileng matlotla e bile di oka borukutlhi.
A re beng ba mafelo ao ba tshwanetse go a tlhokomela gore a seka a nna diphatsa mo setshabeng.
O ne a supa fa go na le sekgwa se sengwe se se tshwenyang gaufi le sekole se segolwane sa Semane mme go nnile le dikgang tse dintsi tse bangwe ba tseetsweng ditsabone gaufi le sone.
A re magodu a iphitlha mo sekgweng se bontsi jwa sone se leng mo gare ga motse.
Rre Nare a re borukutlhi bogolo jang jwa dihutshane bo tsweletse ka go gola mo kgaolong ya Tidimalo mme seemo se se a tshwenya.
A re komiti ya ditlhabolo tsa motse e amogetse matshwenyego a bangwe ba ba filweng dihutshane ka lenaneo la nyeletso lehuma ba le lesome le bobedi ba ba supileng fa magodu mangwe ba di ba amogile mme ba itshophere.
Ka jalo Rre Nare o ne a kopa gore ba thusiwe ka ba ba thapilweng go lwantsha borukutlhi mo motseng eleng ma cluster go lwantsha seemo.
Mo go tse dingwe, motshwarelela mogokgo wa sekole se segolwane sa Semane, Rre Paul Onamile, o ne a supa matshwenyego ka baithuti ba sekole sa gagwe ba ba sa eng malwapeng a bone fa sekole se tswa.
A re sekole se tsena gabedi ntateng ya COVID-19 mme fa baithuti ba sena go tswa bangwe ga ba e malwapeng mme se se kgona go ba baya mo diphatseng tsa go tsenwa ke mogare ka ba a bo ba kgobokane.
A re ba a leka e le barutabana mme maiteko a bone a go kopa baithuti go ya malwapeng mo dinakong tse dingwe a itaya sefololetse.
O ne a kopa batsadi go thusanya le barutabana ka go bua le bana kwa malwapeng.
Rre Onamile o ne gape a supa fa baithuti bangwe ba na le mokgwa wa go ganelela mo tseleng fa sekole se tswa mme ba baya matshelo a bone mo diphatseng. A re mongwe wa baithuti o ne a felela a gobala ka a ne a betswa ke seipone sa koloi.
O ne a ikuela mo baithuting go tsamaya fa thoko ga tsela nako tsotlhe fa ba le mo tseleng ya dikoloi ka di kgona go felela di ba gobatsa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : SEROWE
Event : Phuthego ya Mopalamente
Date : 03 Jun 2021