Breaking News

Puso e eme bagwebi nokeng

03 Jun 2021

Mothusa Tona wa Botsogo le Boitekanelo, Rre Sethomo Lelatisitswe, a re puso e itlamile go rotloetsa dikhamphane tsa mo gae go gola.

Rre Lelatisitswe o tlhalositse se mo Gaborone ka Laboraro Seetebosigo a tlola gabedi fa a ne a etetse khamphane ya Euclea Crispa, e e dirang diaparo tsa itshireletso mo tirong.

A re puso e rotloetsa maphata a puso go ema nokeng dikhamphane tsa mo gae.

Loeto lo, e ne e se lwa ntlha Rre Lelatisitswe a lo tsaya kwa khamphaneng ya Euclea Crispa mme o itumeletse kgolo ya yone a bo a e galaletsa go bo e dira dilwana tse di nang le boleng.

Mothusa Tona Lelatisitswe o kaile fa lephata la botsogo le tsweletse ka go etela dikhamphane ka go farologana, go tlhola gore di dira jang.

Mogolwane wa khamphane, Rre Otsile Moje, o kaile fa e tlhamilwe ka 2018 ka thuso ya CEDA. 

A re tshimologong, e ne e dira mesangwana ya bomme mme e godile, ka jalo e dira le diaparo tsa itshireletso.

Rre Moje o lebogetse thotloetso e ba e bonang mo pusong a supa fa ba kgonne go oketsa didirisiwa.

A re ba thusa bagwebi ba ba eletsang go bereka le go reka mo go bone gape ba rotloetsa banana gore ba godise dikgwebo tsa bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Bakang Segokgo

Location : GABORONE

Event : Loeto la Tona

Date : 03 Jun 2021