Mapodisi a Maun a kopa setshaba go ba thusa
02 Jun 2021
Mogolwane wa mapodisi a Maun, Superintendent Chenamo Orateng, o ikuetse mo setshabeng go thusa go batla bangwe ba go belaelwang e le magodu a dikgomo.
Mo potsolotsong bosheng, Supt Orateng o tlhalositse fa ba bonye matlalo a dikgomo kwa morakeng wa Komkoga gaufi le Nxaraga.
A re mapodisi le lekgotla la barui kwa Nxaraga ba ne baya kwa morakeng oo bosheng go ya go bona seemo seo.
Supt Orateng o tlhalositse fa ba fitlhetse matlalo a dikgomo a a tshubilweng le matlalo a go dibolotsweng tshipi ya dikgomo mo go one.
O ne a supa fa ka maswabi ba ise ba tshware ope, ka jalo a kopa setshaba go ba thusa go ba tshwara.
O ne gape a kopa setshaba le ba ba nang le marekisetso a nama go emisa go reka nama ya bogodu a re ba sale tsamaiso ya go reka nama kwa matlhabelong kgotsa kwa marekisetsong a nama.
Supt Orateng a re go reka nama kwa marekisetsong go maleba ka batho ba reka nama e e tlhabilweng ka fa molaong.
A re seemo sa bogodu jwa leruo se a tshwenya, a tlhalosa fa e sale ngwaga ono o simologa go fitlha mo kgweding ya gompieno ba nnile le dikgang di le masome a mabedi le bongwe.
O supile fa bogodu jwa leruo e le poelo morago mo baruing ka ba senyegelwa ke madi a go tlhokomela leruo.
O supile fa ba dira ditshekatsheko mo marekisetsong a nama gangwe le gape go netefatsa gore nama ee rekisiwang ke e e rekilweng e bo e tlhabiwa ka fa molaong. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kedirebofe Pelontle
Location : MAUN
Event : Potsolotso
Date : 02 Jun 2021