Banana ba gakolotswe go dira dipatlisiso
02 Jun 2021
Mopalamente wa Sefhare/Ramokgonami, Dr Kesitegile Gobotswang, o gakolotse banana go dira dipatlisiso ka dikgwebo tse ba eletsang go tsena mo go tsone.
O buile se kwa phuthegong ya bagwebi ba banana kwa Sefhare bosheng.
A re go botlhokwa gore pele ga motho a ka simolola kgwebo, a dire dipatlisiso tse di tseneletseng ka yone.
Dr Gobotswang o tlhalositse fa maikaelelo a phuthego ya gagwe le banana e le go ba fa sebaka sa go bua matshwenyego a bone le go ba lemotsha ka mananeo g a a diretsweng go ba thusa.
Maikaelelo a phuthego e gape e ne e le go batla go tlhaloganya mathata a ba kopanang le one fa ba setse ba ikopela dithuso, a tlatsa ka gore thulaganyo e, e ka thusa gore lenaneo le le baakanngwe gore dikgwebo tsa banana di tle di nne le maduo.
Le fa go ntse jalo puso e ngongorega gore banana bangwe baba thusitsweng ga ba duele madi a kadimo.
Mopalamente o rotloeditse banana gore ba seka ba tshaba diofisi tsa banana ka maikaelelo a ga sego batla madi fela mo go bone mme ke go ba tshegetsa, go ba totobisa le go bafa bogakolodi.
Fa ba tswa la bone, banana ba ne ba ntsha matshwenyego le dikgwetlho tse ba kopanang le tsone mo dikgwebong tsa bone kana mo go simololeng dikgwebo.
Ba ne ba ngongorega gore ga go motlhofo go bona thuso ya lenaneo la YDF le mororo gotwe le diretswe bone.
Bangwe ba ne tlhalosa gore kgwebo tsa bone di sule ka ntlha ya go fiwa madi aa sa lekang ,letlhoko la mmaraka le go turelwa ke madirelo a ba hiriseditseng dikgwebo tsa bone teng.
Mogolwane wa lephata la banana Ko Sefhare Mme Florah Botshelo a re ba fiwa dimilone tse pedi mo ngwageng mo kgaolong ya bone, mme madi ao ba kgona go thusa fela banana bale masome a mabedi.
Mme Botshelo fela jaaka Mopalamente o kopile bana gore go botlhokwa gore fa monana a batla go simolola kgwebo o tshwanetse a tlhotlhomisi ka yone pele, mme e bile a nne le lorato mo go yone.
A re dikgwebo tsa banana di phutlhamisiwa ke gore ga dire dipatisiso le go batla bogakolodi ka tsotlhe tse di tlhokegang mo dikgwebong tse ba batlang go di dira.
Mogakolodi mo go tsa kgwebo wa lekalana la LEA Rre Onnalena Mmati a re motho fa a batla go dira kgwebo o tshwanetse go kgobokanya kitso ya kgwebo e a eletsang go e dira.
Rre Mmati a re o tshwanetse wa nna le toro pele wa buisa toro, wa itse gore o batla go dira eng kae, a gona le letlhoko ,a go ka nna le dipoelo.
O tlhalositse gore kitso,bokgoni le boleng di botlhokwa mo kgwebong, a tlatsa ka gore kgwebo e batla bo pelotelele le Maitlamo.
O ne a ba tlhalosetsa gape le ka mananeo a bone a LEA a ba kgothatsa go a tsenelela gore dikgwebo tsa bone di tle di itshetlele. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kefilwe Selotlegeng
Location : SEFHARE
Event : Phuthego ya Bagwebi
Date : 02 Jun 2021