Breaking News

Tona o rotloetsa setshaba go tlotla Tautona

02 Jun 2021

Tona wa Merero ya Ofisi ya ga Tautona, Tsamaiso Puso le Bodiredi, Rre Kabo Morwaeng, o kopile tautona wa pele, Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama go dirisa mafoko a tlotlo  fa a bua ka Tautona wa Botswana.

Tona o ntsitse pego e ka Labobedi a tlhalosa gore o utlwile a ba a bona setshwantsho sa motshikinyego se mo go sone tautona wa pele a buang ka Tautona Dr Mokgweetsi Masisi, mme a dirisa mafoko a a sa amogeleseng mo dingwaong tsotlhe tsa Botswana.

Tona Morwaeng o kopile Lt Gen. Khama go tlotla setilo sa bo Tautona.

Tona a re go tlhoka go dirisa mafoko a a tlhapileng go ka tlama bangwe go mo fetola.

A re Lt Gen Khama ke mogolo, ka jalo a tshwanelwa ke go nna sekao mo setshabeng.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : GABORONE

Event : Pego

Date : 02 Jun 2021