Kgafela o abela bakgweetsi
01 Jun 2021
Mopalamente wa Mochudi Bophirima, Rre Mmusi Kgafela, o abetse bakgweetsi ba dipalamo tsa setshaba kwa Mochudi le Pilane dibolaya megare tsa 25 litres di le tharo gammogo le dibipa melomo le dinko di le makgolo a le mararo.
Rre Kgafela a re o ne a abela bakgweetsi ka ba kopana le batho ka mefuta letsatsi le letsatsi.
Fa a amogela dimpho kwa mapalamelong a dipalamo tsa setshaba ka Labotlhano, modulasetilo wa lekgotla la Mochudi Taxi Association, Rre Mompati Kgetse, o kaile fa dimpho tseo di tlaa dira pharologanyo e tona, mme a solofetsa fa di tlaa dirisiwa jaaka go tshwanetse.
Mo go tse dingwe, Rre Kgetse o ngongoregetse gore melao mengwe e e tsamaisang dipalamo tsa setshaba ke ya bogologolo ka jalo e tlhoka go sekasekwa.
O ne a kopa gape gore go agiwe mapalamelo a dipalamo tsa setshaba.
Mongwe wa bakgweetsi, Rre Mothusi Ratladi, o supile fa badirisi bangwe ba dipalamo ba sa itumelele di bolaya megare dingwe, mme a kaya fa se se ba babalela ka ba leka go kgotsofatsa bapalami.
A re ba tshela ka go gotlhagotlhana le mapodisi ka ntlha ya gore ga gona maemelo a dipalamo ka jalo ba kopa gore go oketswe maemelo a dipalamo.
Fa a ba kgwa kgaba, Rre Kgafela, yo gape eleng tona wa Peeletso, Papadi le Madirelo o rotloeditse bakgweetsi gore ba dirise ditirelo tsa ofisi ya mopalamente fa ba na le dingongora. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Sandra Sethaiso
Location : MOCHUDI
Event : Kabo Dimpho
Date : 01 Jun 2021