Breaking News

Ba kopiwa go rotloetsa lefelo la mashi

01 Jun 2021

Mopalamente wa Serowe Bokone, Rre Baratiwa Mathoothe, o kopile barui go thusa gore lefelo le le rekisetsang mashi le dire sentle.

O ne a bua jalo kwa phuthegong ya dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse, dikomiti tsa temo thuo le dikgosi ka Mosupologo kwa kgaolwaneng ya Newtown kwa Serowe.

Mopalamente o ne a kgothatsa banni ba Serowe le metse ee mabapi go ipaakanyetsa go rekisetsa lefelo leo mashi.

Rre Mathoothe a re lefelo leo la thekiso ya mashi le ne la tswalwa ka lebaka la go senyega ga didirisiwa dingwe mme puso e ne ya reetsa dilelo tsa banni tsa gore barui ba thusiwe gore le tsosolosiwe.

Ka jalo e puso e itlamile gore e tlaa dira dipaakanyo tsa lefelo leo e le nngwe ya mananeo a a tlaa thusang go tsosolosa itsholelo e mo nakong eno e wetseng tlase.

Rre Mathoothe e a re fa lefelo leo le santse le dira, le ne le reka mashi mo baruing ka P7 lithara mme lone le rekisetse kokelo ya Sekgoma, sekole sa ithutelo borutabana le lefelo la badisa magolegwa kwa Serowe.

O ne a tlhalosa fa lefelo leo le ne la bulwa ka ngwaga wa 2011 ke mokgatlho wa barui ba dikgomo ba Serowe mme le  ne le kgona go tsaya mashi a selekanyo sa 8 000 litres ka letsatsi le selekanyo sa 64 000 litres ka ngwaga selekanyo  se se  neng se sa nametse.

Rre Mathoothe o tsweletse a rotloetsa ba ba nang le kgatlhego ya go tsena mo kgwebong ya mashi go dira jalo ka kgwebo eo e santse e ka dira sentle.

A re lefatshe leno le santse le tlhoka selekanyo sa 96 million litres ka ngwaga, mme mo nakong eno go kgonafala 9 million litres.

Rre Mathoothe a re go santse go na sebaka se sentsi mo mhameng wa tsa temo thuo ka kakaretso mme bangwe ba ka kgona go itshetsa ka go lema dijo tsa leruo go rekisetsa ba ba ruileng.

A re bontsi jwa banni ba Serowe le metse e e mabapi ba na le lefatshe le lentsi le le sa dirisiweng mme ba ka kgona go lema dijo tsa leruo mo go lone a.  

O ne a ikuela mo banning ba Serowe le metse e e mabapi go tsibogela sebaka se sa go rua dikgomo tsa mashi go itshetsa. 

O ne a ba rotloetsa gape go kopa dikgakololo mo go ba lephata la temo-thuo fa ba na le mathata mo thuong ya bone.

Mo go tse dingwe, Rre Mathoothe o ne a itsise banni fa itsholelo ya lefatshe leno e wetse tlase ntateng ya segajaja sa COVID-19.

A re tse lefatshe leno le neng le ikaegile ka tsone jaaka diteemane le bojanala ga di dire sentle mme go tshwanetse go lebiwe dintlha dingwe tse di akaretsang mhama wa temo-thuo go tsosolosa itsholelo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : SEROWE

Event : Phuthego

Date : 01 Jun 2021