Banni ba Ncojane ba lebogela tsela
01 Jun 2021
Kgosi Lebogang Peter II wa Ncojane kwa kgaolong ya Ghanzi o lebogetse puso go aga tsela ya sekonotere e e ba gokaganyang le Charleshill.
O buile se bosheng fa a amogela komiti ya Palamente ee itebagantseng le go sekaseka ditirelo tsa puso tse di amanang le ditlhaeletsanyo, dikago, dipalamo le boranyane.
Kgosi Peter a re tsela eo e ntse e sa ba jese diwelang ka jaana ka ba ne ba sa kgone go akola ditirelo tsa puso le tsa makalana a a ikemetseng ka bofefo jo bo tlhokafalang.
A re go ne go le thata go bona dithuso ka jaana ba ne ba patelesega go tsamaya mesepele e meleele go latela ditirelo kwa Charleshill, mme a supa fa go dirwa ga tsela, go tla thusa go atumetsa ditirelo kwa go bone.
Kgosi o ne a supa gore le ntswa tsela e le nngwe ya ditlhabolo tse ba di amogetseng ka diatla tsoo-pedi, banni bangwe ba bone diemo tse di sa itumediseng jaaka go tlala ga metsi mo malwapeng ka nako ya pula ka ntata ya go sa dirwa sentle ga mesele ya kgopo ya metsi.
O ne a supa fa kgwetlho e nngwe e le ya go nna maoto a tshupa ga dikonteraka ka dituelo segolo bogolo mo go ba ba senyegetsweng ke dithoto ka nako ya fa tsela e santse e dirwa.
Mo go tse dingwe, o ne a kopa gore go tsenngwe mo mekwalong ya ditumalano gore dikonteraka di fe beng ba gae ditiro.
Fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa komiti eo, Rre Aubrey Lesaso, o ne a tlhalosa fa komiti e lekola ditirelo tsa puso.
A re puso e lomile ka meno ka ntata ya tlhaelo ya madi mme e leka ka bojotlhe go atumetsa ditirelo kwa setshabeng, ka jalo ba seka ba fela dipelo fa ditlhabololo di ntse di tla ka monokela.
O ne a gwetlha banni go simolodisa dikgwebo jaaka ya tsa dipalamo tsa setshaba le tse dingwe tse di ka ba thusang go tsisa diphetogo mo matshelong a bone.
Rre Lesaso a re le mororo puso e ntsha ditirelo, go na le tshenyo e e bakwang ke banni bangwe, jaaka go tsaya didiriswa dingwe, mme seo se busetsa maiteko a puso kwa morago.
O ne a gwetlha baeteledipele ba metse go thusa go tlhokomela ditirelo tsa puso gore di kgone go nna mo tirisong lebaka le leleele.
O ne a supa fa ba amogetse dingongora tsa bone, mme a supa fa ba tlaa go kgorola ba ba maleba go di rarabolola.
Modulasetilo wa khansele potlana ya Charleshill, Rre Baduetse Setswalo o ne a iteela kobo moroko mafoko a ga kgosi ka botlhokwa jwa go dirwa ga tsela eo.
O ne a kopa gore ba akanyediwe ka go gokelwa ga dipone tsa marang a letsatsi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Malebogo Lekula
Location : NCOJANE
Event : Loeto La Komiti ya Palamente
Date : 01 Jun 2021