Mogokgo o kopa batsadi go ela bana tlhoko
01 Jun 2021
Mogokgo wa sekole se se potlana sa Newtown kwa Serowe, Mme Patricia Lesole, o kopile batsadi go ela tlhoko gore bana ba tsaya dibipa melomo le dinko nako tsotlhe fa ba ya sekoleng.
O buile jalo kwa phuthegong ya dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse, dikgosi, dikomiti tsa temo thuo le baeteledipele ba maphata a puso e e neng e buisiwa ke mopalamente wa Serowe Bokone, Rre Baratiwa Mathoothe, ka Mosupologo.
Mme Lesole a re baithuti bangwe ba ya sekoleng ba sa tsenya dibipa melomo le dinko mme e re ba tsena barutabana ba tlamege go ba neela tse di latlhiwang morago ga tiriso.
A re seo se babalela sekole ka baithuti bangwe ba fiwa gantsi.
O ne a kopa batsadi go thusanya le barutabana ka go batlela baithuti dibipa melomo le dinko tsa matsela.
A re fa moithuti a tla kwa sekoleng a sa bipa molomo le dinko gantsi o a bo a tswa kwa lwapeng a sa ithiba mme seemo seo se nna borai mo mo go ene le ba ba mo sekoleng.
Mme Lesole o ne gape a supa matshwenyego ka batsadi ba ba isang bana kwa sekoleng go santse go setse nako e ntsi gore sekole se tsene.
A re baithuti bao ba felela ba amana le ba bangwe thata ka ba tshameka pele ga dithuto di tsena mme seemo seo se ba ba baya mo diphatseng.
Mme Lesole o ne a kopa batsadi ba ba mo serubing go tlhokomela gore a bana ba bone ba ba tsenang dikole ga ba e sekoleng ba santse ba le mo serubing.
A re go na le baithuti bangwe ba e a reng fa ba botsogo ba ntshitse kgakololo ya gore ba seka ba ya sekoleng ntateng ya seemo sa COVID-19 ba bo ba felela ba ile teng mme ba amane le ba bangwe.
Mo go tse dingwe, Mme Lesole o ne a supa fa a lebogela ditlhabololo tse di neng tsa tla morago ga go tlhagoga ga COVID-19.
A re dikago tsa sekole sa gagwe di tlhabolotswe thata ka se ne se sena matlwana a boitiketso mme mo nakong eno a le masome a mabedi le bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : SEROWE
Event : Phuthego ya Komiti ya Ditlhabololo tsa Motse
Date : 01 Jun 2021