Mopalamente o abela kokelwana kolotsana ya ba-na-le bogole
31 May 2021
Mopalamente wa Shoshong, Rre Aubrey Lesaso, o abetse kokelwana ya Kalamare kolotsana ya ba-na-le bogole.
O tlhalositse fa a bone go le maleba go abela kokelwana eo kolotsana ka a lemogile letlhoko la ditlamelo dingwe mo go yone.
O tlhalositse gore e tlaa thusa baoki go pega balwetse ba ba gateletsweng le ba ba nang le bogole fa ba ba isa kwa koloing e e pegang balwetse.
Mopalamente Lesaso o akgoletse baoki ba kokelwana ya Kalamare go dira ka natla go thusa setshaba le ntswa ba lebanwe ke tlhaelo ya bodiredi le kgwetlho ya go direla mo dikagong tse di mo seemong se se sa nametseng.
Mo godimo ga moo, Rre Lesaso o kopile bagwebi go thusa puso ka go rekela dikokelwana ditlamelo tse di tlhokafalang.
Mookamela Mahalapye District Health Management Team, Mme Chenese Siku o lebogetse mpho ya kolotsana e a re e tlaa dira pharologano e tona mo kokelwaneng ya Kalamare.
“Puso ga e kake ya kgona e le nosi. Fa go na le botsadi le ba-na-le seabe mo setshabeng ba ba lemogang letlhoko le le leng teng mo go tsa botsogo, mme ba tsenye letsogo go tokafatsa botsogo mo setshabeng go supa gore tiro e ga ya re lebana re le nosi,” ga bua Mme Suki.
Mme Siku a re kokelwana ya Kalamare e na le kgwetlho ya tlhaelo e ntsi ya baoki le bothata ba dikago tse di batlang go ntshafadiwa.
Mo nakong ya gompieno, a re go na le baoki ba le bane, yo mongwe e le yo belegisang.
Kgosi ya Kalamare, Kgosi Mosinyi o akgoletse Mopalamente Lesaso maiteko a dirileng a go abela kokelwana ya Kalamare kolotsana ya ba-na-le bogole, a re ke sekao sa maiteko a mantle a moeteledipele. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lorato Gaofise
Location : KALAMARE
Event : Kabo Dimpho
Date : 31 May 2021