Mmadikola Dikala tsa motswere
31 May 2021
Bogologolo merafe e ne e tsamaya e huduga mme fa ba tsenang teng ba bitsa lefelo leo ka leina le le nang le bokao jwa gore ba bone jang lefelo leo le gore go ba thusitse jang go nna foo.
Gantsi dikhudugo di ne di dirwa ke go lwela lefatshe kana dithoto ga merafe, bangwe ba ne ba lwela bogosi fa bangwe ba ne ba tsamaya ba batla metsi kgotsa phulo ya leruo, mo gongwe go latelwa diphologolo tsa naga.
Go ntse fela jalo ka Mmadikola kwa Boteti. Go ya kwa motseng wa Mmadikola o tswa Letlhakane la Orapa, o tsamaya sekgala sa dikhilomothira di sa fete lekgolo le masome a matlhano.
Ke motse o o fa thoko ga tsela e e yang Maun mme ka fa bokone, gore o gorogile sentle o tlaa kopantshiwa ke ditlhare tsa metswere tse o kareng o di bona wa re di ne dijwalwa ke motho ka bomo kante ke lebopo la Modimo.
Fa o tsena mo motseng oo, go kgotla ya ntlha e e bidiwang Sekgophane, teng o tlaa rakantshiwa ke ditlhare tse e kareng heke, metswere e pedi e tsentse tsela fa gare o kare e ne e lengwa ke motho ka botswerere ka maikaelelo.
Ga ntsi bafeti ka tsela le bajanala ba rata go ema fa ditlhareng tseo, ba itsaya dinepe ba bo ba romelela ba masika le ditsala go bona bontlenyane joo.
Le fa gontse jalo, mo potsolosong le kgosi ya motse oo, Kgosi Tlhabologo Boima, yo o leng setswerere sa puo fa tlhalosa ka motse wa gagwe ko o tlholegileng teng, o ka tlhaba kgobe ka mutlwa o bopa se a se buang mo pelong e kare o bona ditshwantsho tsa motshikhinyego.
Kgosi Boima, o boletse fa motse wa gagwe o thibeletse foo ka ngwaga tsa bo 1914, ga a tshwara sentle mme a re e ne ele morafe wa Bakhurutshe o tswa ko Zeerust kwa Aferika borwa, mme yare ba ntse ba tsamaya ba goroga ko Boteti.
A re fa ntse ba tsamaya ba le kgakalanyana ba bona dikala tsa setlhare sengwe, se se neng se feta tse dingwe ka kgolo, dikala tsa sone di bonala ko godimo ga tse dingwe.
Mme yo o neng a ba eteletse pele, a ba bolelela gore ba ya go nna fa setlhareng sa dikala tse di bonalang tseo.
Ba tsamaya mme ba fitlha fa setlhareng seo, se se neng sele sekima se le setelele se goletse kwa dimo e le sa motswere.
Kgosi a re kegone foo ba rola merwalo ba thibelela fa setlhareng seo. Mme ba bona ledulo la bone gone foo, ba bitsa golo foo legae la bone le le sha ebong Mmadikola, dikola ke lefoko la puo ya sekhurutshe le le rayang dikala, leina la Mmadikola le tswa gone fa.
A re gone gona le lekgadikgadi la metsi fa ba thibeletseng teng le bidiwa ‘’Ngwatshaa’’, go na le diphologolo le phulo e e noneng thata.
A re gompieno fa kgotla e tlhomilweng teng e ne e le fa go kopanelwang teng ba tsile go bona Kgosi Tshikedi wa ga Mmangwato, e bile gape ke gone fa ba neng ba kgethela teng.
O boletse fa Kgosi Tshekedi a ne a tla ka bongaka le melemo ka koloi ya gagwe e e bidiwang ‘’Naka la Tlou’’ mme ba kopanela gone foo. Go le ditlhare tsa metswere di kitlanye.
A re gape mephato e e yang letsomong, e ne e bolotswa gone foo, mme fa ba buwa dinama le matlalo ke gone fa Kgosi Tshekedi a tsayang digwapa tsa diphologolo le matlalo gone foo go ya Serowe.
Kgosi o boletse fa motse jaanong o ne wa simolola go atologa, e bile gompieno ke motse fela o motona o o nang le ditlhabololo tsa sesha.
O boletse fa jaanong go agile merafe ya Bakhurutshe, Bayeyi, Bakalaka le Bateti.
A re ba tshela ka kagiso fela lemororo ba farologane.
A re go na le dikgotlana di supa, tse a di okametseng, a bolela fa a sale a thomiwa mo setilong ke Kgosi Mokgadi go tswa ko Serowe.
Kgosi o ngongregile thata ka botlhokatsebe jwa banana ba motse. A re fa lekgotla le bitsa gore batle go utlwa ka mananeo a puso ba nna moruti o tsididi le mororo ba sa bereke.
O boletse fa ba dirile jalo le COVID-19 e isi e simolole. O boletse fa ba tshwenngwa thata ke bogodu jwa leruo.
Le fa go ntse jalo, motse wa Mmadikola oa tlhabologa, go na le kokelwana le sekole se sebotlana le ofisi ya kgotla.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Keoagile Sebako o boletse fa motse o tlhabologa sentle, mme sebe sa phiri ele gore kgotla ya Sekgophane e tlhaelelwa ke metsi.
O boletse fa motlakase le one o seo ka fa ntlheng nngwe ya motse, ebile gape matlo a borutelo ko sekoleng a tlhaela. A re ba na le baoki ba le babedi mme yo mongwe o hudisitswe ga a isi a emisediwe ka ope.
Rre Sebako o boletse fa ba eletsa gore ditsela tsa mo motseng di tshelwe lekgarapana gore di tsamaege. O lebogetse go tisiwa ga mokento wa COVID-19. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : MMADIKOLA
Event : Polelo
Date : 31 May 2021