Mowa wa bopelotlhogomogi o tsweletse
31 May 2021
Batswana ba tsweletse ka go supa mowa wa bopelothogomogi ka jaana ba sa ipone tsapa go thusa bangwe ka bone.
Baithuti ba pele ba sekole sa Meepong JSS kwa Selebi Phikwe ba mokgatlho wa Meepong class of 87 bone ba ne ba abela mongwe ka bone dimpho kwa Kalamare ka Matlhatso.
Ba ne ba abela Rre Molatedi Baipidi dijo, diaparo, ditlhako, dikobo, setilo le seromamowa.
Modulasetilo wa mokgatlho, Rre Chabaesele Ithobogeng, a re maikaelelo a bone ke go tsisa phetogo mo matshelong a bangwe ka bone le go thusa ba ba thokileng lesego.
A re ba itlamile gore kgwedi le kgwedi ba ntsha madi go a baya mo letloleng gore ba kgone go thusa ka one.
Rre Ithobogeng a re jaaka ba thusitse Rre Baipidi yo e neng e le moithuti ka bone, ga go reye gore ba thusa ba ba neng ba tsena sekole le bone fela.
O supile gore e ne ya re mo ngwageng oo fetileng ba lemoga seabe sa mogokgo wa nako ya bone kwa sekoleng sa Meepong JSS, ka jalo ba mo abela dipone di le nne tse di dirisang marang a letsatsi.
A re ba tlaa tswelela ka mowa wa bopelotlhomogi.
Mmaboipelego wa Kalamare, Mme Keitshepile Betha, a re se mokgatlho o se dirileng ke mowa wa lerato.
O ba kopile gore ba seka ba ema ka go thusa Rre Baipidi fela, mme ba tswelele ka go thusa bothe ba ba tlhokang thuso.
Rre Baipidi yo dingwaga tse masome a matlhano le bone o supile fa a itumeletse se bankane ba gagwe ba se mo diretseng.
A re tiro e ba mo e diretseng e ntle gape e kgolo.
Mme Gadimang Kgangyarona yo e leng mogolowe Rre Baipidi o lebogetse se mokgatlho o se diretseng kgaitsadie. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Masego Pulamoeng
Location : KALAMARE
Event : Kabo Dimpho
Date : 31 May 2021