Breaking News

O esi ga o ele - Balopi

31 May 2021

Mopalamente wa Gaborone Bokone, Rre Mpho Balopi, o kopile Batswana go tshwaraganela botshelo.

Fa a buisa phuthego ya kgotla kwa Tshweneng le Taung ka Labotlhano, Rre Balopi o boletse fa nako e tsile ya gore Batswana ba simolole go galaletsa le go rotloetsa bangwe ka bone.

A re Batswana ba kwatobolotse thuto ya go tshwaragana mo batswakweng, a re moo go tlodisa melatswana go na le gore motho a nne moema nosi.

Rre Balopi o ne gape a bua kgatlhanong le batho ba ba nnang lefufa fa ba bona Motswana ka bone a atlega.

A re tshwaragano ke konokono go godisa itsholelo ya lefatshe leno.

Le fa go ntse jalo, Rre Balopi o ne a akgola makhanselara a kgaolo ya botlhopi ya gagwe ka tshwaragano ya bone.

A ba kopile go tshwara ka natla, a tlhalosa fa ba dira mmogo go dira tiro ka bonokopila le ka manontlhotlho le ntswa seemo se sa letle ka mabaka a COVID-19 e dirileng ditlhaelo fale le fale.

Rre Balopi o ne a lekodisa batho ba kgaolo ya gagwe ka dikgang tsa palamente e fetileng di akaretsa tshutiso ya go fetlha motlakase.

Mo dikganyeng tse dingwe, Rre Balopi a re lefatshe le wetswe ke seru, mme ka jalo pusoga e kgone go diragatsa  maikaelelo mangwe a yone go tlamela Batswana.

O ne a kopa Batswana go sa phutha mabogo mme ba leke go thusa go lwantsha segajaja sa COVID-19.

Rre Balopi a re nako e tsile ya gore Batswana ba itepatepanye le tiriso ya maranyane.

O ne a tlhalosa gore tiriso ya maranyane ke nngwe ya ditsela tsa go itsholetsa gammogo le go tsholetsa itsholelo ya lefatshe.

E rile a tswa la gagwe, modulasetilo wa ditlhabololo tsa kgaolo, Mme Cynthia Mokwena a lebogela ditlhabololo tse ba di tsiseditsweng kwa kgaolong ya bone.

Mme Mokwena o ne a lebogela gore ba tsenyeditswe dipone tsa mokgwatlha.

A re o tshwenyegile ka gore e re le ntswa khansele ya Gaborone e tsweletse ka go thiba dikhuthi mo ditseleng, sebe sa phiri ke gore fela fa pula e na, tsela e senyega gape.

Ka jalo o ne a kopa khansele go bua le dikonteraka ka matshwenyego a bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lesedi Thatayamodimo

Location : GABORONE

Event : Phuthego tsa Kgotla

Date : 31 May 2021