Breaking News

Satsebe o itshetsa ka dikoko tsa mae

31 May 2021

Mme Babotseng Satsebe wa Malwelwe kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng a re thuo ya dikoko tsa mae e batla lerato le kelelo.

E re le ntswa thekiso ya mae e na le phadisano e e kwa godimo, mogwebi o tshwanetse go tsepama mo go se a batlang g mo kgwebong.

Mme Satsebe, yo o direlang kgwebo ya gagwe mo lwapeng, a re fa e sale a simolola go ruwa dikoko tsa mae ka ngwaga wa 2016, o bone pharologanyo mo botshelong jwa gagwe.

A re o kgona go tlhokomela lelwapa la gagwe. 

A re o lemogile gore lerato la dikoko tsa mae ke lone le dirang gore a atlege mo kgwebong ya gagwe.

A re go tswa bonnyeng jwa gagwe, o ne a rata thata thuo ya dikoko tsa mae mme nako nngwe rre mongwe a mo kgothatsa gore a seka a itsapela mogopolo wa go rua dikoko tsa mae.

A re ga a ise a tlhole a leba kwa morago mme ke ka moo a nang le kgwebo ya dikoko tsa mae. 

O ne a supa fa lenaneo la nyeletso lehuma le mo dule maoto ka le mo file sebaka sa go simolola kgwebo e a e ratang.

Mme Satsebe a re thuo ya dikoko tsa mae e na le maduo ka gore batho ka kakaretso ba rata mae mme e bile a motlhofo go rekisiwa. 

A re o lebogela kemo nokeng ya puso le ba lelwapa la gagwe go bo ba mo rotloetsa gore a seka a nyema moko le fa go ka nna thata jang.

A re mo nakong ya gompieno ke ene a rekisetsang sekolo se sebotlana sa motse mae mme seo se mo tlodisa dinokana. 

A madi a mo thusa go tsweledisa kgwebo ya gagwe bogolo jang ka a na le keletso ya go bona e godile mme e bile a kgona go rekisetsa bagwebi ba batona.

A re mo go atoloseng kgwebo ya gagwe o batla go bona a na le koloi e e ka mo thusang mme ebile ya mo tswa maoto gore kgwebo e tswelele pele. 

O lebogetse dithuso tse a di fiwang ke ofisi ya nyeletso lehuma a re seo se mo tiisa moko le go feta.

Mme Satsebe a re thuo ya dikoko e batla boineelo, lerato le tlhokomelo ya maemo a ntlha gore motho a bone katlego. 

A re dikoko di tshwanetse go tlhokomelwa, mme ebile o di tlhola kgapetsakgepetsa go tila malwetse a a ka di tsenang mme a felela a di bolaile.

O ne a supa fa a ikemiseditse go tswelela a dira ka natla fa modimo a santse a mo file malatsi a go tshela go rurifatsa gore bana ba gagwe ga ba lale ka tlala ka jaana Setswana se re ‘mosadi tshwene o jewa mabogo’.

Mme Satsebe a re mo nakong ya gompieno o tlhatlhetse dikoko di le masome marataro, mme di ntsha mae fela a a bonalang mo nako tse dingwe a nnang mantsi mme theko ya one e le kwa tlase.

A re bosheng o ne a leletsa ba neyletso lehuma gore ba mo tswe thuso ka a ne a na le mae a le 1 500 mme go sena kwa a a isang teng.

A re sekganedi sa gagwe se setona ke gore ga a na koloi e e mo thusang gore a kgone go rekisa mae a gagwe mo metseng e e mabapi gore a seka a senyega mme e nne tathegelo e tona mo go ene.

Mme Satsebe o ne a supa fa go nna le koloi go ka mo tswa maoto gore a rekise a sosologile mme dipoelo le tsone di kgone go nametsa fela thata. 

A re ga a kitla a ipona tsapa go tswelela a tshwere ka natla ka gore letsatsi lengwe Modimo o tla mo thusa go reka koloi.

O leboga botlhe Batswana baba mo etetsang ka go reka mae a gagwe le yone puso ka e na le seabe se setona ka a rekisetsa sekolo se se botlana gangwe mo bekeng.

Mme Satsebe a re o kgothatsa Batswana go dirisa mananeo a puso ka a le botlhokwa fela thata mme e bile a diretswe go tlahbolola matshelo a bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Booster Mogapi

Location : MALWELWE

Event : Puisanyo

Date : 31 May 2021