Breaking News

BOPEU e tlaa aga matlo a bonno

30 May 2021

Mogolwane wa lekgotla la Babereki Investments, Mme Masego Mogwera, a re mokgatlgo wa Botswana Public Employees Union (BOPEU) o tsere tshwetso ya go agela maloko a lekalana leo matlo a bonno.

Mme Mogwera o buile jalo fa BOPEU e ne e konotelela tumalano le khamphane ya tsa kago ya International Housing Solutions go tswa Aferika Borwa go simolodisa tiro  ya go agwa ga matlo a le makgolo a le mane le masome a robabobedi.

Mme Mogwera  a re matlo ao a tlaa agiwa kwa Mmopane kwa lefelong la BOPEU, a tlhalosa fa go solofwetswe  gore tiro e simolole kgwedi ya Phatwe ngwaga ono.

A re tsholofelo ke gore matlo a le makgolo a mabedi le masome a mane a bo a weditswe   e bile a roletswe BOPEU ka kgwedi ya Seetebosigo ngwaga oo tlang.

Mme Mogwera o tlhalositse  fa go tlaa agwa matlo a matlhatlaganyane,  a re matlo otlhe e tlaa bo e le kamore tse pedi tsa boroko, ntlo ya bonno, ya boapeelo, ntlwana ya boithomelo le ya botlhapelo.

O ne a supa gape fa go tlaa dirwa le tse dingwe di akaretsa lefelo la go thuma, ditshingwana tsa dithunya, lefelo la itloso bodutu la bana le tse dingwe ka go farologana go ntlafatsa tikologo ya matlo ao.

Mme Mogwera  a re matlo ao e tlaa bo e le a a rekisiwang fela, a supa fa  sebaka sa go reka se tlaa fiwa maloko a BOPEU pele.

A re thulaganyo ya go rekisetsa ba  e seng maloko a BOPEU e tlaa dirwa mme seemo se tlaa laolwa ke bokete jwa theko ke maloko.

Mme Mogwera a re go rekisetsa maloko a BOPEU matlo ke gone go rotloetsa peeletso le  bonno jo bo kgatlhisang. 

A re go le gantsi batho ba tshabelelwa ke go hirisa matlo mme e re ba tlogela tiro ka mabaka a a farologaneng  ba kgarakgadiwe ke dikgang tsa go tlhoka boroko.

Fa a tswa la gagwe,  mogolwane wa International Housing Solution(IHS), Rre Solly Mboweni, o supile fa a itumelela tumalano e e satswang go dirwa  fa gare ga IHS le BOPEU.

A re IHS e itlama go sala morago melao yotlhe e ba e beilweng pele tebang le go aga matlo ao le go a wetsa matlo ka nako, a tlatsa gape ka go supa fa tumalano eo e tla tswelela e tiisa botsalano fa gare ga Botswana le Aferika Borwa.

Rre Mboweni a re IHS e na le motlhala o o bonalalang, a re ba agile matlo gape kwa Namibia le Kenya. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Chendzimu Manyepedza

Location : GABORONE

Event : Konotelelo Tumalano

Date : 30 May 2021