Breaking News

Molao o lebogela maitlamo a Kgari Sechele

30 May 2021

Tona wa Thuto go tswa kwa Moding, Rre Fidelis Molao, a re o itumeletse mafoko a a builweng ke mogokgo wa sekole se segolwane sa Kgari Sechele 11 kwa Molepolole a a reng ba tlaa tokafatsa maduo a lekwalo la mophato botlhano.

Rre Molao o buile se fa a ne a etetse sokole seo ka Labone.

Mogokgo, Mme Baitse Kebobone, a re sekole seo se ne se sa dira sentle mo ditlhatlhobong tsa ngogola mme ba itlamile gore ngwaga ono ba  tokafatse maduo ao go re sekole se nne senngwe sa tse di lesome tse di dirileng sentle.

O boletse fa mo ditlhatlhobong tsa ngogola, baithuti ba le 111 mo go ba le 766 ba kgonne go bona letshwao la C kgosa go feta, mo go rayang gore ba le 655 ga ba a ka ba dira sentle.

Tona Molao o itumeletse mafoko a, a kaya fa mogokgo a le mosha kwa sekoleng seo.

Mo go tse dingwe, tona o supile fa botlhokatsebe jwa baithuti bo tshwanetse go kopanelwa ke batsadi le bogogi jwa motse.

Mo kopong ya mogokgo ya gore sekole se agelelwe ka lebotana go itsa gore baithuti ba rekisediwe dilo tse di seng ka fa molaong, tona o ne a supa gore botlhokatsebe bo tshwanetse go rarabololwa, mme e seng go dira bana magolegwa.

O ne a supa gape fa a itumeletse dikgang tsa gore ba bogosi ba tlaa dirisana le sekole, mme a re selo se ke sone se ka dirang gore baithuti ba tlogele botlhokatsebe.

A re go le gantsi moithuti yo o duleng mo tseleng o seegelwa kwa thoko mme mo go sa dire tharabololo epe ka moithuti yoo o salela kwa morago mo dithutong gape a nna le nako e ntsi ya go tswelela ka ditiro tsa botlhokatsebe.

Tona Molao a re puso e tlaa tswelela ka go tlhabolola dikole mme a supa fa mo nakong eno go santse go na le tlhaelo ya madi.

Mopalamente wa Molepolole Borwa, Rre Kabo Morwaeng, o ne a botsa gore go senyegile fa kae ka gore sekole seo se alositse batho ba le bantsi ba mo nakong eno ba tshwereng maemo a kwa godimo mo pusong le mo makalaneng a a ikemetse ka bonosi.

Rre Morwaeng, yo gape e leng Tona wa Merero ya Ofisi ya ga Tautona, Tsamaiso le Bodirelapuso, o boletse fa a tsene kwa sekoleng seo go simolola ka Form 1 go fitlha ka Form 5 mme a kaya fa ka nako ya bone go ne go ntshiwa maduo a mantle.

Le ene o ne a lebogela mafoko a ga mogokgo a go itlama go tokafatsa maduo mme a tlatsa ka gore jaaka e le mopalamente wa kgaolo, o tlaa dirisanya le boeteledipele jwa sekole go lwantsha maduo a a kwa tlase.

Tona Molao le Tona Morwaeng ba ne ba tsamaisiwa le sekole mme ba ne ba lekodisiwa ka letlhoko la sone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tebagano Ntshole

Location : MOLEPOLOLE

Event : Tekodiso

Date : 30 May 2021