Breaking News

Kgosi Lekhutile o tsere marapo

30 May 2021

 Kgosi Ketaareng Lekhutile o tlhomilwe semmuso go nna kgosi wa Mmutlane.

Dibui ka go farologana kwa moletlong o neng o tshwaretswe kwa kgotleng ya Mmutlane bosheng, go rolela Kgosi Lekhutile setilo sa gagwe sa bogosi semmuso, di mo gakolotse go etelela morafe wa gagwe ka tekatekano.

Mothusa Tautona wa pele, Dr Ponatshego Kedikilwe o kopile borangwaagwe kgosi go mo kaela tsela e siamemg ya bogosi gore a dire thomo ya gagwe sentle. Bogosi, Dr Kedikilwe a re bo na le seriti sa bone, ka jalo a kopa setshaba go dibela se ka go tlotla tsamaiso ya go tlhongwa ga dikgosi go itsa dikgogakgogano.

Mo mafokong a gagwe a thotloetso, Mothusa Tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Rre Kgotla Autlwetse le ene o kopile setshaba go fa bogosi seriti le tlotla e bo tshwanetseng. Rre Autlwetse a re bogosi bo a tsalelwa gape bo na le tsamaiso le thulaganyo e tlhamaletseng ya gore kgosi e tlhongwa jang, mme a gatelela gore tsamaiso e e tshwanetse ya selwamorago ka nako tsotlhe.

“E re lentswa kgosi e kgona go itlhophelwa, ka tumalano le therisano ya morafe, mme re a itse gore ka tlholego bogosi bo a tsalelwa,” ga bua Mothusa Tona.

Sebui sa tlotla, Kgosikgolo ya Balete, Kgosi Mosadi Seboko, o tlhalositse fa tiro ya kgosi e le go dira gore morafe o nne le botshelo jo bontle, jo bo siameng e seng go letlanya fela.

Tiro e, Kgosi Mosadi a re ke yone thomo e tona ya kgosi, ka jalo a kopa Kgosi Lekhutile go e diragatsa ka bonatla. Kgosi Mosadi o ne gape a rotloetsa Kgosi Lekhutile go bala molao motheo wa lefatshe, molawana wa bogosi, bogodu jwa leruo le bana a re e botlhokwa mo tsamaisong ya bogosi.

Mo godimo ga moo, Kgosikgolo ya Balete o kopile Kgosi Lekhutile go dirisana sentle le borre mo motseng wa gagwe, a re go etelela morafe pele o le mme ga go reye gore o nyatse borre.

Morero wa go tlhoma Kgosi Lekhutile go nna kgosi ya Mmutlane, Mothusa Kgosi ya Mahalapye Kgosi Tshipe Tshipe o tlhalositse fa o sala o simologile ka ngwaga wa 2017.

Fa morero otlhe o tla go wela,  a re leina la ga Kgosi Lekhutile, ya nna lone le ba ntlo ya bogosi ba neng ba dumalana ka lone gore e nne ene a etelelang morafe wa Mmutlane.

Kgosi Lekhutile o lebogetse puso go sekegela bomme botlhe ba ba nang le tshwanelo ya go nna dikgosi gore ba fiwe seabe sa bone. O ne gape a leboga dikgosi tsotlhe le morafe o neng o tlile go mo etleetsa dikgakololo tse ba di.mo fileng le lorato la bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lorato Gaofise

Location : MMUTLANE

Event : Tlhomo ya Kgosi

Date : 30 May 2021