Breaking News

Segajaja se oketsa tlhaelo ya madi - Tsogwane

30 May 2021

Mothusa Tautona, Rre Slumber Tsogwane, a re tlhaelo ya madi e okediwa ke dikgwetlho jaaka segajaja sa COVID-19.

Rre Tsogwane o buile jalo fa a lekodisana le dikgosi ga mmogo le maloko a dikomiti tsa metse ya Rakops le Mmadikola ka Labotlhano.

A re kgaoganyo ya madi ya ngwaga ono e pharolganyo ka gore go nnile le tlhaelo e e kwa godimo thata mo go dirileng gore puso e sutise ditlhabololo dingwe tse di mo lenaneong la ditlhabololo.

A re kgwetlho e tona e e tsereng bontsi jwa madi ke COVID-19, e go sa itsiweng gore e tlaa fela leng. 

O boletse fa didirisiwa tse di dirisiwang di lopa madi a mantsi thata ka ebile di ne di se mo lenaneong.

Mothusa Tautona o kaile fa go itlhatlhobela mogare wa corona le go okiwa ga balwetse kwa dikokelong go o ja madi madi.

Rre Tsogwane o boletse fa jaanong puso e bone gore go boelwe kwa marakanelong a ditsela go bona gore ke dife ditiro tse di ka fiwang maemo a ntlha go thusiwa ka madi, tse e kareng morago ga nna le dipoelo gore itsholelo e nonofe.

A re go tshwanetse ga nonotshwa go reka dithoto mo gae le go di rekisa kwa ntle.

O kopile maphata go dirisa madi sentle, a bolela fa diphatlha tsa bodiredi tse di neng di tshwanetse go kabiwa, go sa kgonagala ka ntata ya tlhaelo ya madi.

A re bagwebi ba tshwanetse go rotloediwa go ikitaya ka thupana, gontsha dithoto tse di nang le boleng mme ba di rekise gore itsholelo e tokafale.

Rre Tsogwane o tlhalositse ka megopolo e e dumalanweng kwa palamenteng e e sa tswang go feta jaaka go lwantsha tshenyetso setshaba, go hetlha motlakase ka marang a letsatsi le boloko, tiriso ya maranyane a segompieno go tlhofofatsa ditirelo le go dira dipatlisiso.

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo ya Mmadikola, Rre Keoagile Sebako o boletse fa ba tlhaelelwa ke metsi le motlakase kwa kgotlaneng ya Sekgophane.

Rre Sebako o boletse fa gona le tlhaelo ya boroko jwa badirelapuso, a bolela fa kwa sekoleng go tlhokafala ofisi ya ga mogokgo e e phuthulogileng le ntlwana ya borutelo gore bana ba senne mosuke.

O kopile gore ditsela tse di ralalang motse di tshelwe lekgarapana, a bolela fa di le maswe fela thata.

A re bagolo ba Mmadikola ba amogetse mokento wa go itshireletsa wa COVID-19 ka matsogo o mabedi e bile ba leboga thata.

Kwa Rakops, mothusa modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo, Mme Ontebogile Ntwakgolo, o lebogetse kago ya ba-na-le-bogole e ba e agetsweng ke khamphane ya De Beers, ba bo ba lebogela service centre kwa motseng wa bone, ba bolela fa jaanong dithuso ba di tsaya segautshwane go na le go ya kwa Letlhakane.

Mme Ntwakgolo o lebogetse gape gore ba filwe dikoloi tse di rwalang balwetse di le pedi.

A re ba lebogela go tla ga mokento wa COVID-19 ba bolela fa bagolo batla ka makatanamane. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : RAKOPS

Event : Tekodiso

Date : 30 May 2021