Breaking News

Mahalapye UCCSA e abelwa P10 000

30 May 2021

Mokwaledi wa ga tautona yo o faphegileng, Rre Mompati Ntapu, o abetse kereke ya United Congregation Church of Southern Africa (UCCSA) ya Mahalapye P10 000 go e rotloetsa mo maitekong a yone a go agela batlhoki ba le babedi matlo.

Rre Ntapu e ne e le mogwanti mogolo mo mogwantong wa kereke ya UCCSA o o neng o tshwerwe ka Matlhatso go kgobokanyetsa kereke madi a a ka thusang go feleletsa matlo a mabedi a dikamore tse nne, a e tsweletseng ka go a agela batlhoki kwa dikgotlaneng tsa Boseja le Tshikinyega.

Mo godimo ga P10 000 o ne a abela kereke dikupu tsa di lithara tse pedi tsa dibolayamegare le dilwana tsa kago tsa madi a kana ka P2 200, tse a supileng fa di abilwe ke mongwe wa ditsala tsa gagwe a sena go mo itsise ka maikaelelo a mogwanto o.

Fa a rola dimpho tse, morago ga mogwanto, Rre Ntapu o akgoletse kereke ya UCCSA go bo e santse e tshegeditse mowa wa yone o montle wa go nna ale seabe mo go tlhabololeng matshelo a batho. Ditso tsa kereke ya UCCSA, a re di supa fa e tswa kgakala e le sekao sa go etelela pele mo go tsenyeng letsogo mo go tlhabololeng matshelo a batho.

“Re itumela thata fa re bona kereke e santse e tshegeditse one moono o re itsiweng ka one wa go ama matshelo a batho. Selo se se golo mo tumelong, go tswa ka thuto ya lefoko la Modimo, bogolo jang ka morutuntshi mogolo wa rona, Jesu Keresete, ke gore tumelo e senang ditiro ke lefela la lefela. O tshwanetse fa o le modumedi wa nna modiredi,” ga bua Rre Ntapu.

Se, a re ke thuto e kgolo e kereke e tshwanetseng ya e tshegetsa, bogolo jang ka mo nakong ya gompieno go tshelelwa mo dipakeng tse di thata tse mafatshe a lebanweng ke mathata a dintwa le malwetse a sa itsagaleng jaaka jwa COVID-19.

Mo dinakong tse di thata tse, Rre Ntapu a re kereke e tshwanetse ya nna yone e etelelang mo go tshegetseng melawana e beilweng ke ba botsogo ya go lwantsha kanamo ya mogare wa Corona.

Fa a tlhalosa maikaelelo a mogwanto, Moruti Mokgweetsi Kgapo o supile fa go tlhagoga ga segajaja sa COVID-19 go amile letseno la madi a tsamaisang kereke, ka dipalo tsa diphuthego di sa ntse di fokoditswe go lwantsha kanamo ya mogare.

Ka jalo, a re maikaelelo a mogwanto e ne e le go kokoanya madi a ka dirisiwang go wetsa go agiwa ga matlo a, a kereke e ntseng e tsweletse ka go a aga.

Le fa go ntse jalo, o supile fa kereke e santse e lebanwe ke kgwetlho ya go tsenya ceiling mo kagong ya yone le go wetsa kago ya yone ya ntlwana ya boapeelo, ga mmogo le go feleletsa kago ya kereke ya UCCSA ko Taupye.

“Re le kereke, ga re a iteba re le nosi, ka gore tiro ya rona ga se go obama fela. Le mo lefatsheng re tshwanetse ra nna le seabe mo go tlhabololeng matshelo a setshaba. Jaanong COVID-19 e re tlisitse mo seemong se se thata sa letseno le le ko tlase mo letlong la rona la kereke, ke ka moo re itekang gore re kokoanye madi re tle re wetse matlo a re a rolele beng ba one,” a tlhalosa.

Ka one mogwanto o, Moruti Kgapo o supile fa kereke e kgonne go kokoanya madi a kanang ka P33 121, lelwapa la ga Kgosi wa Mahalapye, Kgosi Duncan Segotsi le ntshitse P1 000, fa Mokhanselara wa kgaolwana ya Mahalapye Legare, Rre Joseph Tjienda, a ntshitse P200 le dikgetse tsa semente di le lesome, mme palo yotlhe ya madi ya nna P44 321.

Mo malebong a gagwe, Mma Moruti, Mme Baaitse Mokobi, o lebogetse Rre Ntapu le botlhe ba ba nnileng le seabe mo go atlegeng ga mogwanto, go bo ba supile lorato le thotloetso.

Mme Mokobi o ne gape a leboga Modimo go bo o ba file nonofo ya go simolola le go wetsa tiro ya bone ka mowa o le mongwe fela. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lorato Gaofise

Location : MAHALAPYE

Event : Mogwanto

Date : 30 May 2021