Breaking News

Go olela matlakala ka Ipelegeng go ntsha maduo

30 May 2021

Modulasetilo wa khansele potlana ya Tsabong, Rre Ronald Baitsiwe, a re go olela matlakala ka sekotsekara ka lenaneo la Ipelegeng go tlhabolola matshelo a batho ba le bantsi.

O boletse se bosheng mo phuthegong ya khansele potlana. 

A re beng ba dikoloi tsa ditonki ba le masome a mabedi le bobedi ba tlhapilwe ka lenano leo fa e sale le simologa mo metseng e le masome mabedi kwa Kgalagadi Borwa.

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo kwa Draaihoek, Mme Tebogo Besson, o ne a supa fa go olela matlakala ka sekotsekara go solegela banni ba Draaihoek mosola fela thata.

O boletse fa lenaneo leo le simologile ka ngwaga wa 2013 mme badiri ba lone ba thapiwa ka go hapaanngwa morago ga kgwedi tse tharo ka khupelekhupele.

A re badirelapuso le batho mo motseng ba tseelwa matlakala mo malwapeng morago ga go duela kwa khanseleng mme ba rurifatse ka pamphitshana ya dituelo e le sesupo.

Mme Besson o boletse fa banni ba santse ba goga dinao go akola go tseelwa matlakala, a re madi a a duelwang kgwedi le kgwedi ke aa seng kalo ka e le lesome la dipula fela.

A re badiri ba ba selang matlakala ba a a kgobokanya, mme morago ba ba olelang ba a tseye go a isa kwa lehuting la matlakala. O supile fa ba duelwa madi a a kanang ka sekete le masome a mararo a dipula kgwedi le kgwedi.

Mongwe wa badiri ba pele ba ba neng ba olela matlakala, Rre Thato Rantsho o ne supa fa a berekile tiro eo dikgwedi tse thataro mme seo se fetotse botshelo jwa gagwe.

O ne a supa fa a ne a ithekela tsotlhe tse a neng a di tlhoka le gone go simolola go rua dihutshane. 

O ne a kgothatsa banana gore bs seka ba tlhopa ditiro.

Kgosi Kauje Oats wa Draihoek o kgothaditse morafe go akola lenaneo leo la go olelelwa matlakala ka go se turu, mme ba tlogele go tshuba matlakala mo malwapeng ka go sa siamela botsogo le tikologo.

A re ditiro tsa go sela matlakala di botlhokwa ka e le go babalela tikologo le lone leruo.

Mmaboipelego, Mme Precious Tshosa, mongwe wa ba ba tseelwang matlakala o ne a phophotha legetla badiri ba Ipelegeng ba ba olelang matlakala a supa fa ba dira tiro ya bone ka matsetseleko le ka malatsi aa dumalanweng.

O supile fa ba tshwaraganye le ba botsogo mo kokelwaneng le ba komiti ya ditlhabololo tsa motse go tlhomamisa gore ka nako tsotlhe fa badiri ba thapiwa ba ba tlhatlhelela ka fa matlakala a tshwarwang ka teng le gone go ba thusa ka didiriwa jaaka diatlana le tse dingwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : DRAAIHOEK

Event : Phuthego ya Khansele

Date : 30 May 2021