Kago ya kokelo ya Tutume e tlaa tswelela
27 May 2021
Mothusa Tona wa Botsogo le Boitekanelo, Rre Sethomo Lelatisitswe a re le ntswa tlhagogo ya segajaja sa COVID-19 e amile itsholelo, kago ya kokelo ya Tutume e tlaa tswelela.
Rre Lelatisitswe a re lephata le setse le ntshitse P500 million gore tiro e simologe mo bogaufing, go araba selelo sa mosuke kwa kokelong ya Tutume.
Fa a bua mo phuthegong ya baeteledipele ba motse koo ka Laboraro, mothusa tona o ne a re madi ao a setse a neetswe ba lephata la dikago la puso go simolodisa tiro, mme taletso ya ikopelo tiro e ka nna ya phatlaladiwa mo dibekeng tse tharo tse di tlang.
O ne a leboga batho ba kgaolo eo, bogolo jang bagodi, go bo ba tsibogetse go tsaya mokento wa corona, e bile go supa dipalo tsa bone di nametsa.
Rre Lelatisitswe o supile fa mogare wa corona o amile ditirelo tsa botsogo thata, mo go bakileng tlhaelo ya bodiredi ka bangwe baoki ba thusa kwa mafelong a a thusang balwetse ba COVID-19, fa ba bangwe ba le mo letsholong la go kenta.
A re seo se bakile mosuke mo dikokelong, ka jalo a kopa batho go nna pelotelele.
E ne e rile fa a amogela baeng, Kgosi Gorileng Mbaiwa a lela ka seemo sa kokelo ya Tutume, se a rileng se ngomola pelo, ka balwetse ba ba robaditsweng koo ba kopakopanngwa fela; bana, basadi le banna mo kamoreng e le nngwe.
Kgosi Mbaiwa a re gape melemo le dikoloi tse di rwalang balwetse di a tlhaela mo dikokelong.
Le fa go ntse jalo, o ne a leboga ba letsholo la mokento wa go thibela corona, a re ba tsweletse sentle, e bile le batho ba motse ba ya go tsaya mokento ka dipalo tse di nametsang.
Mokhanselara yo o itlhophetsweng, Rre Ishmael Mokgethi o ne a ngongoregela kgang ya gore balwetse ba latele seipone kwa Masunga kana Francistown, a re kokelo ya Tutume e tshwanetse go tla ka tharabololo.
Dibui ka go farologana di ne tsa supa matshwenyego a tlhaelo ya didirisiwa, bongaka le seipone se se tsayang nako se sa bereki, mme balwetse ba tlamege go ikisa kwa ba ka bonang thuso teng.
Mokhanselara wa Tutume Bophirima, Rre Moseki Mathodi ene o ne a kopa gore go okediwe palo ya batho ba ba tlholang balwetse go tswa mo go a le mongwe fela.
Fa a araba mangwe a matshwenyego a bone, Rre Lelatisitswe o ne a bolela fa go kgaola palo ya batho ba ba tlholang balwetse e le go leka go ba sireletsa mo mogareng wa corona. Mo go tse dingwe, o ne a ba tshepisa fa a tlaa isa matshwenyego a bone kwa go ba ba maleba. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : TUTUME
Event : bokopano
Date : 27 May 2021