Breaking News

Beng ba diterekere ba lela ka tiego ya dituelo

27 May 2021

Beng ba diterekere ba kgaolo ya Tswapong Borwa ba supile ngongora ka tiego ya dituelo tsa bone tsa lenaneo la ISPAAD.           

Ba buile se kwa phuthegong ya Mopalamente wa Sefhare/Ramokgonami Dr Kesitegile Gobotswang kwa Ramokgonami ka Laboraro.

Ba re seemo se, se a tshwenya ka gore ba dirisa madi a bone go baakanyetsa temo le go reka leokwane.          

Ba re mo godimo ga moo, madi a teng ga a tle ka nako e le nngwe, a tla a kgaoganye. 

Mongwe wa bone, Rre Kebadirile Ngongorego wa Maape a re mo nakong ya gompieno ga ba ise ba bone madi a temo e e fitileng. 

A re ba  lemogile gore go hirwa kwa morago ga batho ba ba metang masimo le gone go na le seabe mo tiegong e.  

Rre Motsemeng Letswamotse wa Ramokgonami ene  a re fa e sale lenaneo la ISPAAD le simologa  ga go ise go okediwe madi. 

Rre Letswamotse a re go lema go a ba turela fa madi a ba duelwang ka one a sa lekane ditshenyegelo. 

Rre  Tswebebe Mokhoshoa a re go tlhatlhoba mmu ga go motlhofo ka gore go dirwa fela kwa Gaborone le Francistown e bile balemi ba sa  itse  gore go batlega mmu o o ntseng  jang.

 A re tiego ya  dipeo le dipeo tse di sa meleng di bakwa  ke gore tiro ya go phakisa dipeo  e fiwa  motho a le mongwe mme a itebagantse le dikgaolo di le dintsi.

Molemisi wa Ramokgonami Rre Cephas Chuma a re kgang ya tiego ya  dituelo tsa boraditerekere e bakilwe ke gore madi a ne a santse a seyo. Rre Chuma a re batho ba ba metang masimo ba hirwa ka Tlhakole temo yone e simolotse  ka Phatwe. A re ba na le lenaneo la go rutuntsha beng ba diterekere ka tsamaiso ya temo. 

Rre Chuma a re Banka ya Ditlhabololo e na le lenaneo la Seasonal Loan le le thusang balemi ka madi a temo.   

Mopalamente Gobotswang a re dikgang tsa beng ba diterekere di ka tswa tema fa ba tshwaragane ka go dira mekgatlho. 

O ba gwetlhile go fetoga balemi ba tlhwatlhwa ba ba ka godisang temo ya lefatshe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : RAMOKGONAMI

Event : phuthego ya kgotla

Date : 27 May 2021