Tsholofelo Rehabilitation Centre e raletse dikgwetlho
27 May 2021
Mogare wa COVID-19 o o tsweletseng ka go kgoreletsa botshelo ka fa batho ba bo tlwaetseng ka teng o amile go menaganye ditiro tsa letsatsi le letsatsi tsa lekgotla le le tlhokomelang ba-nale bogole la Tsholofelo Rehabilitation Centre mo Serowe.
Mo potsolotsong ka Laboraro, mookamedi wa lekgotla leo Mme Lesego Bolaane o kaile fa COVID-19 e ketefaleditse pele maiteko a mokgatlho a go fa bana ba ba tshelang ka bogole tlhokomelo e e maleba.
Mme Bolaane a re e re le ntswa tlhokomelo ya mo-na-le bogole e le bokete ka tlhago, COVID-19 e thatafaleditse seemo kwa pele.
Le fa go le jalo, o tlhalositse fa ba ititeile sehuba go dira ka gotlhe mo ba ka go kgonang go fokotsa manokonoko a seemo se mo baneng ga mmogo le batlhokomedi ba bone.
A re mo nakong eno ke baithuti fela ba fera bongwe ba ba kgonang go tla sekoleng mo go ba le masome a mabedi le borataro ba lekgotla la Tsholofelo le nang nabo.
O tlhalositse fa tshwetso e ya go baya baithuti ba bangwe kwa malwapeng ba e tsere ka go lemoga fa bontsi bogole jwa bone bo ba paledisa go sala morago melawana ya go lwantsha kanamo ya COVID-19 jaaka go rwala dibipa-melomo le go katologana.
Mme Bolaane a re le ntswa lekgotla le ne le tlamega go tsaya kgato ya mothale oo, go setse go simolotse go itshupa fa seo se amile thata bana le batlhokomedi ba bone.
A re se se amang ke gore le bone ba ba robang bongwe ba ba tlang sekoleng kwa Tsholofelo ba amegile ka jaana ba tla gabedi fela mo bekeng.
A re ba ba kwa malwapeng bone seemo sa bone se ngomola pelo le go feta le mororo lekgotla la bone le nale thulaganyo ya go ba lekolela kwa malwapeng.
A re ba itemogetse fa bana bangwe ba sa je sentle kwa malwapeng, selo se a kaileng fa se ama boitekanelo jwa bone mo mebeleng le mo tlhaloganyong.
Se sengwe gape o boletse fa e le go tlhokisa batlhokomedi sebaka sa go ka tswa mo malwapeng go ya go fatafatela malwapa a bone.
Selo se, Mme Bolaane o boletse fa se digetse itsholelo ya malwapa a a amegileng kwa tlase mme ebile gape se tsiseditse batlhokomedi kgatelelo ya maikutlo.
Go sale foo, mookamedi yoo wa Tsholofelo Rehabilitation Centre o iteetse legofi Lephata la Botsogo le Boitekanelo ga mmogo le makalana a mangwe a a ikemetseng go tlhoka go ipona tsapa go ema lekgotla leo nokeng.
A re lekgotla la bone ka e le le le sa direng dipoelo le ka fa tlase ga Lephata la Botsogo le Boitekanelo, mme le a ne gape le bona dithuso go tswa kwa le kwa mo go ba ba nang le keletso ya go thusa ka tsela epe fela.
E ntse e le tebang le Lephata la Botsogo le Boitekanelo, Mme Bolaane a re lekgotla la bone le sa tswa go rekelwa combi mme e solofetswe go goroga kwa go bone nako nngwe le nngwe.
Koloi eo a re e tlaa ba thusa thata go atologa le metse e e mo tikologong ya Serowe go tsaya bana, ka a supile fa mo nakong eno ba ntse ba kgona fela go tsaya bana kwa Mabeleapodi, Paje le gone mo Serowe.
Fa a ama dithuso tse dingwe, a re bosheng jaana banka ya First National Bank e ne ya itlama go thusa lekgotla ka tiro ya thuo ya dikoko.
Mme Bolaane a re thuso eo, e e tlaa lopang P75 000, e tlaa kgontsha Tsholofelo Rehabilitation Centre go simolola kgwebo ya thuo ya dikoko, mme a supa fa se se tlaa thusa lekgotla go nna le tsela ya go dira letseno.
O tlhalositse gape fa e rile bosheng ba Debonairs Serowe le bone ba ba tshologa mokgosi ka go abela bana dilwana tsa mariga.
Fa a garela, Mme Bolaane o ikuetse mo setshabeng, segolo jang ba ba mo tikologong, go nna le kgatlhego mo ditirong tsa Tsholofelo Rehabilitation Centre.
A re gape batho ba tshwanetse ba lemoga fa go le botlhokwa go tlhola bana kwa lefelong leo go amogana le bone bothitho jwa lorato go tswa mo setshabeng, segolo jang banni ba Serowe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keonee Kealeboga
Location : SEROWE
Event : potsolotso
Date : 27 May 2021