Ba akgolelwa go obamela melawana
27 May 2021
Morafe wa Mambo, mo kgaolong ya Bokone Botlhaba, o akgoletswe go bo motse wa bone o ise o nne le ope yo lwalang COVID-19.
E rile a etetse dikokelwana tsa metse ya Mambo le Gulubane ka Laboraro, mothusa tona wa Lephata la Botsogo le Boitekanelo, Rre Sethomo Lelatisitswe a opela legofi morafe wa Mambo go bo ba ise ba angwe ke segajaja mme a ba kgothatsa gore ba tswelele ba tshegeditse boitshwaro jo.
Rre Lelatisitswe o buile fa dipalo tsa batho ba ba tlhokafalang ka ntlha ya bolwetse jwa COVID-19 di golela pele letsatsi le letsatsi, ka jalo se se ama Motswana mongwe le mongwe ka e le masika le ditsala tsa bangwe.
O tlhalositse fa go sena lefatshe lepe le le neng le ipaakanyeditse segajaja se, a tlatsa ka go re Botswana jaaka lefatshe ka bophara o itemogetse manokonoko a COVID-19.
A re bontsi jwa mananeo a puso e neng e solofetse go a diragatsa ga a a kgonagala ka ntlha ya gore madi a isitswe kwa go lwantsheng COVID-19.
O kaile fa Lephata la Botsogo le Boitekanelo le amegile thata ka ntlha ya segajaja ka bodiredi jwa dikokelwana bo ne jwa fokodiwa go isiwa kwa mafelong a a kgethegileng a balwetse ba COVID-19 ba tlhokomelelwang kwa go one.
Rre Lelatisitswe o buile fa seemo sa dikokelwana tsa Mambo le Gulubane se tlhomola pelo ka di le dinnye thata di sena fa balwetse ba letelang mooki teng, ka jalo a kopa bogogi jwa kgaolo ya Bokone Botlhaba go thusa ka ditlamelo go baakanya dikago tse.
O tlhalositse fa kokelwana ya Gulubane, Zwenshambe le Jackalas 2 e le dingwe tse di neng di le mo lenaneong la ditlhabololo mme se sa kgonagala ka ntlha ya go tlhagoga ga bolwetse jwa COVID-19. Mooki wa kokelwana ya Mambo, Mme Brenda Keikanetswe o tlhalosiste fa letsholo la go kentela COVID-19 le tsweletse mo Mambo ka ba setse ba kentile batho ba le masome marataro le bongwe.
O tlhalositse fa kokelwana ya bone e onetse marulelo, ka jalo a kopa mothusa tona gore go tsibogelwe go baakanya seemo seo ka gore dipula di senya didirisiwa tsa bookelo.
E rile a tswa la gagwe, mookamela kokelwana ya Gulubane, Mme Irene Siwe a tlhalosa fa kokelwana ya bone e le nnye thata mo go bakang gore ba bee balwetse ka fa tlase ga ditlhare fa ba santse ba emetse ditlamelo.O buile fa ba nnile le balwetse ba le lesome le bobedi ba COVID-19 fa e sale bolwetse jo bo tlhagoga mme mo nakong ya gompieno botlhe ba fodile go setse a le mongwe fela.
O tsweletse ka go re letsholo la go kentela segajaja le tsweletse mo Gulubane ka ba setse ba kentile batho ba le lekgolo, masome a mabedi le borataro.
E ne ya re a leboga, Mopalamente wa kgaolo ya Tati Bophirima, Rre Simon Moabi a akgola bodiredi jwa lephata la botsogo le boitekanelo go bo ba tshwere ka thata go tlhomamisa gore Batswana ba sireletsegile mo bolwetseng jwa COVID-19.
O tladitse ka go akgola banni ba motse wa Mambo go bo ba ise ba nne le molwetse wa COVID-19, a supa fa motse o e le mongwe wa e e tlotlang le go sala morago melawana ya go ipabalela mo segajajeng. BOPA
Source : BOPA
Author : Portia Ikgopoleng
Location : MAMBO
Event : loeto
Date : 27 May 2021