Breaking News

Moretlwa o tlaa lela kwa Kgatleng

26 May 2021

Tona wa Thuto go tswa kwa Moding, Rre Fidelis Molao o dumalana le gore bogosi, baeteledipele ba thuto le batsadi mo kgaolong ya Kgatleng ba tlhakanele go aga isago ya bana.

Mo phuthegong e e neng e kopanetswe ke baeteledipele ba thuto le bogosi mo Mochudi ka Laboraro, go dumalanwe ka bongwefela jwa pelo gore bana ba ba senang tsebe ba simolole go otlhaiwa ka thupa. 

Phuthego e, e tla jaana mothusa kgosi wa Bakgatla, Kgosi Bana Sekai a sena go kopa Tona wa Thuto go tla go ba akantsha ka kgang ya go otlhaya ka thupa morago ga gore batsadi mo kgaolong ya Kgatleng ba ikuele kwa bogosing gore bana ba otlhaiwe, go leka go ba tsenya mo tseleng.

Fa a rola kgang e, Kgosi Sekai a re kgaolo ya Kgatleng e dikile e hupeditswe ke dikgang tsa bo-tlhoka tsebe le borukutlhi jwa bana ba dikole, ka jalo batsadi ba felela ba rwala ditlhako go ikuela kwa bogosing. 

Kgosi Sekai a re go nnile le dikgang tse dintsi tsa bana ba ba neng ba seegelwa kwa thoko kwa dikoleng mabapi le tiriso ditagi, go tlhorontsha baithuti ba bangwe, ga mmogo le go lwantsha barutabana.

Kgosi Sekai a re matshwenyego a batsadi mo kgaolong ya Kgatleng ke gore bana ba ba dirileng melato e, ba felela ba seegilwe kwa sekoleng, mme kwa bofelong bo-tlhoka tsebe jwa bone bo godisiwe ke go nna kwa malwapeng ba sa dire sepe.

Kgosi Sekai o boletse gore bana ba go le gantsi ga ba dire sentle mo dithutong tsa bone, selo se a reng se isa maduo a thuto kwa tlase.

E ne ya re a tswa la gagwe, Rre Molao a bolela fa kwa tshimologong ya yone, thupa e ise e bolae ope, mme ka jalo a gakolola gore fa bana ba otlhaiwa, go direlwe jalo mo pontsheng ya batsadi ba bone le barutabana kgotsa baeteledipele ba thuto.

A re o itumelela gore dikgang tsa kotlhao ya bana di kopanetswe, ya nna morero magareng ga bogosi le baeteledipele ba thuto mo kgaolong ya Kgatleng.

Ka jalo, Rre Molao o gakolotse gore go seka ga nna le go gogagogana fa kotlhao ya moretlwa e simolodisiwa ka jaana bana ba na le ditshwanelo.

Fa a tlatsa mafako a ga Kgosi Sekai, Rre Molao a re lephata la thuto le hupeditswe ke bo-tlhoka tsebe jwa bana jo bo tsweletseng ka go gogobisa maduo a thuto. 

A re bangwe ba bana ba felela ba kobilwe kwa dikoleng.

“Ke itumelela gore le kopanetse kgang e. 

Tota thupa e e agang, ga e bolae. 

Bana ba bangwe ba kgona go felela ba fetogile,” ga bua jalo Tona Molao.

Mopalamente wa Mochudi Bophirima, Rre Mmusi Kgafela le ene o supile fa a itumelela maano a go leka go busetsa bana mo taolong.

A re mekgwa e mengwe ya kgalemo e e adingwang mo dingwaong tse dingwe jaaka go kgalemela bana ka molomo go sena kotlhao, ga e solegele Batswana molemo.

A re mo nakong e e fetileng kgaolo ya Kgatleng e kile ya thulathulana le lephata la thuto ka go letsa moretlwa. 

A re go emisa moretlwa go nnile le ditlamorago tse di maswe.

Ka jalo o kopile gore fa moretlwa o lediwa, go dirwe se ka morero le go lebisa badira melato mabaka a kotlhao. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mmoniemang Motsamai

Location : MOCHUDI

Event : bokopano

Date : 26 May 2021