Breaking News

Ba rotloediwa go bopa mokgatlho

26 May 2021

Mopalamente wa Sefhare/Ramokgonami, Dr Kesitegile Gobotswang o gakolotse beng ba diterekere  go ipopa ditlhopha gore ba tle ba bue ka lentswe le le lengwe. 

Dr Gobotswang o buile jalo mo bokopanong le  beng ba diterekere ba ba mo kgaolong ya gagwe kwa  Machaneng ka Labobedi.  

A re fa ba ipopile ditlhopha ba bo ba ikwadisa mo balemising kana ba  dira e le mokgatlho ba ka itsamaisa sentle le go amogela melaetsa ka nako.   

A re puso e dirile  lenaneo la ISPAAD, maikaelelo e le go  rotloetsa le go tlhabolola temo, mme mo nakong eno maduo a lenaneo le, ga se a a kgotsofatsang fa go tshwantshanngwa le mo dingwageng tsa pele. 

Dr Gobotswang a re beng ba diterekere ba tshwanetse ba ema ka dinao go thusa go tlhabolola boleng jwa temo. 

 Le fa go ntse jalo, Dr Gobotswang o akgotse  beng ba diterekere, a re ba dira ditiro e tona  ya go lemela batho, le ntswa ba kopana le dikgwetlho. 

Dr Gobotswang a re puso e rotloetsa Batswana go lemela kgwebo le go ijesa ka gore e lemogile gore go ikaega ka go tsaya dithoto kwa mafatsheng  a mangwe go na le di-tla morago tse di seng monate. 

Dr Gobotswang a re COVID-19 yone e butse Batswana matlho, ka go papamatsa   botlhokwa jwa go itirela dijo. 

Le fa go ntse jalo, Dr Gobotswang a re o itse gore sengwe sa tse di tshwenyang beng ba diterekere, ke tiego ya dituelo. 

A re mangwe mabaka a ba a fiwang ke gore tiego e tsalwa ke batho ba ba  metang masimo. 

Dr Gobotswang a re balemi le bone ba ngongorega ka gore beng ba ditereke ga ba ba lemele sentle.

A re kgang kgolo ke gore beng ba diterekere bangwe, ba hira batho ba ba senang kitso ya go kgweetsa diterekere, kana ba sa rutelwa go dirisa didirisiwa tse dingwe tsa temo.

Rre Gobotswang a re seemo se se bakwa ke gore ka nako ya dithutuntsho tsa boraditerekere go tsamaya beng ba tsone e seng  ba ba di dirisang. 

O tladitse ka go re o isitse kgang kwa palamenteng a kopa gore balemi ba babotlana ba letlelelwe go lema ka mokgwa wa go gasa peo. 

 Dr Gobotswang  o gwetlhile beng ba diterekere go ithulaganya, mme ba ipaakanyetse gore motsing lenaneo la ISAPAAD le tsogang, ba kgone go tswelela ba thusa Batswana go lema ntle le makgwere ape. 

O supile gore lenaneo la ISPAAD le tsweletse ka go fetolwa, ka maiakelelo a go le tokafatsa, ka jalo ba solofetse go rolelwa lenaneo le lesha la ISPAAD kwa palamenteng e e tlang.  

Mongwe wa beng ba diterekere, Rre Nkoti Lucus wa Mathako a re go botlhokwa gore puso e tsee megopolo e e tswang ka balemi, ka e thusa gore lenaneo le dirwe se se batlwang e bile se ka kgona go tokafatsa maikaelelo a go ntsha dijo. Rre Lucus a re go lebega temo e ne e ntsha maduo mo dingwageng tsa maloba go na le gompieno. 

O tsweletse a re beng ba ditereke ba ba sa lemeleng balemi sentle ba ba senya leina. 

O ne a supa balemi ka monwana a re bangwe ba bone ga ba tlhokomele masimo.

Mongwe wa setlhopha sa boraditerekere ba Sefhare, Rre Kenny Kenanao a re ke boammaaruri dituelo di a diega, a re  seemo seo se ba lotlhanya le babereki. 

Rre Kenanao a re ba kopa go okelediwa dituelo go lepalepana le boturu jwa leokwane le makgetho. 

O kopile  gore  babereki ba ba metang masimo ba hirwe fela fa temo e simologa. 

Boraditerekere  ba ne ba supa matshwenyego a gore ba lemetse bangwe, mme go na le kgang ya gore ga ba kake ba duelwa ka gore balemi ba teng ba ne ba sa ikwadisetsa go lemelwa ka lenaneo la ISPAAD. 

Mogolwane wa balemisi,  Mme Nonofo Gucha a re go ne ga nna le ketsaetsego e ntsi mo temong  e e fetileng.  

Le fa go ntse jalo, Mme Gucha o tlhalositse gore  ba ba lemetsweng ba sa ikwadisa ba tshwanetse go duela beng ba ditereke. 

A re tiego ya dituelo e bakwa ke  tlhaelo ya madi mo mabakeng mangwe e bakwe ke mathata a maranyane a a dirisiwang mo tsamaisong ya go duela. 

O tladitse ka go re tiego ya go meta masimo le yone a tsala madiadia a go duela beng ba diterekere.

Mme Gucha a re boraditerekere bangwe ba duela babereki ka dioura, selo se se dirang  gore ba seka ba lema sentle ba le mo lebelong la go dira dioura tse dintsi.

Mokhanselara wa kgoalwana ya Moshupha/Machaneng/Letloreng, Rre Tshupo Noge o gakolotse beng ba ditereke go tsaya dikgakololo tsa ga mopalamente tsia ba bope setlhopha. Rre Noge o kopile balemisi go netefatsa gore badirisi ba diterekere ba a rutuntshiwa ga mmogo le go rotloetsa balemi go tlhatlhoba mebu. BOPA 

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : MACHANENG

Event : bokopano

Date : 26 May 2021