Morafe o kgala tiriso ya matlhapa
25 May 2021
Morafe wa Dukwi mo kgaolong ya Nata/Gweta o supile fa o sa itumelele ka fa mapalamente a buisanang ka teng kwa Palamenteng.
Ba buile jalo kwa phuthegong ya kgotla e buisiwa ke Mopalamente Polson Majaga ka Mosupologo.
Banni ba re ka nako ya ditlhopho, ba tlhophile ba ba neng ba bona gore ba ya go isa dikeletse tsa bone gore ba bone ditlhabololo le ditirelo sentle, e seng gore ba ye go tlhokelana botho le ba bangwe.
Ba re malatsi ano le ntswa motho a na le ntlha ya botlhokwa e a tlang ka yone, e felela e sa utlwale sentle ka lebaka la gore fa e kgalwa ga go lebaganwe le se se buiwang go tsenngwa dilo tse di sa tshwanelang.
Gangwe le gape ba re go buiwa ka botho le tlotlo mo Botswana, mme seemo sa gompieno bo ne bagolo ba ba nnang ba rotloetsa jone botho, ga ba dire jalo ntswa ba itse fa dipuisanyo tsa palamente di direediwa ke mongwe le mongwe le bana tota. Ba re go setse go ba tlhabisa ditlhong gore bareetse palamenteng ba na le bana.
Ba re boitshwaro jwa bagolo kwa palamenteng ga bo a nna sentle, mo bo setseng bo jweleletse mo go ba ba ba setseng morago, e bile banana ba setse ba tsaya go siame fela go tlhokela bagolo botho.
Ba re banana le bone bagolo, ba setse gape ba dirisa maranyane go phatlalatsa go tlhokelana botho ga bagolo gone kwa palamenteng.
Selo se ba re se dira gore palamente le lone lefatshe la Botswana le tlhoke seriti mo lefatsheng ka bophara.
Boitshwaro joo, ba re bo ntse bo bonala kwa mafatsheng a a mabapi le Botswana.
Gape ba re gonne le pharologanyo ya mafoko a a dirisiwang ka nako ya ipapaletso ditlhopho le a a dirisiwang kwa palamenteng.
Ka jalo ba kopile gore go nne le kgalemo, go simolola ka bone baeteledipele ba lefatshe go itsa ketsaetsego mo bathong, gore go nne le tswelelopele mo lefatsheng le kagiso ka dinako tsotlhe. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Goitsemodimo Williams-Madzonga
Location : Dukwi
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 25 May 2021