Ba kopiwa go tshwaraganela ditlhabololo
25 May 2021
Mopalamente wa Sefhare/Ramokgonami, Dr Kesitegile Gobotswang o kopile makhanselara a kgaolo ya gagwe go tshwaraganela ditlhabololo.
Mopalamente o buile jalo mo phuthegong ya gagwe le makhanselara kwa Sefhare ka Mosupologo.
Dr Gobotswang o boletse fa go le botlhokwa gore ba ne ba kopana go buisana ka tse di diragalang mo kgaolong, kwa khanseleng le palamenteng.
A re ba tshwanetse ba buisana ka mananeo a a dirwang mo kgaolong, go sekaseka tswelelopele ya one le dikgwetlho.
A re makhanselara ba tshwanetse go itse tse e leng letlhoko legolo la metse ya bone.
A re ba tshwanetse ba buelela kgaolo kwa khanseleng ba le seopo sengwe.
Fa a tlhalosa ka mananeo a ditogamaano tsa NDP 11, a re thulaganyo ya go agwa ga diofisi tsa sepodisi tsa Ramokgonami e bone madi a a lekaneng mme tsela ya Pilikwe-Radisele e santse e batlelwa madi.
O bile a tlhalosa gore kokelwana ya Borotsi e e sa welang e ne e agwa ke moithaopi mme ba tlaa e sala morago ka go lebega a ne a angwa ke COVID-19.
Dr Gobotswang o ne a ba gakolola gore ka lenaneo la madi a dikgaolo tsa botlhophi, ba ka dira ditiro ka go di ketlolaketlola, segolo bogolo dikole.
O ba rotloeditse go gakolola morafe gore go kgaogana madi ka metse e e lesome le bone ga go kake ga kgona go dira mananeo a matona.
A re ditiro tsa botlhokwa tsa lenaneo la madi a dikgaolo ke metsi a a reng lenaneo la one le tsweletse, go baakanya ditsela, dikole le koloi e e tlaa dirisiwang go sala morago ditiro tseo.
Mokhanselara wa Moshopha/ Machaneng/Letoreng, Rre Tshupo Noge a re ga a dumelane le kgang ya go rekwa ga koloi, a re go kabo go dirisiwa madi a teng kwa dikoleng.
Mokhanselara wa Mokobeng/Ngwapa, Rre Joseph Molamu ene o ne a re koloi e botlhokwa ka gore mananeo a ntse a sa salwe morago sentle ka ntata ya letlhoko la dikoloi.
Makhanselara ba ne ba lela ka ofisi ya boipelego, ba re ga e dirisane sentle le morafe, ba tlhalosa gore ba tshwaraganye thata le komiti ya ditlhabololo tsa motse, e ba utlwang fela ka yone fa ba sekaseka batho.
Mopalamente a re go tlhoka gore ba kopane le bogogi jwa boipelego gore ba tle ba utlwe ka ditsamaiso tsa lephata leo. Ends
Source : BOPA
Author : Kefilwe Selotlegeng
Location : Sefhare
Event : Phuthego
Date : 25 May 2021