Breaking News

Morwa Dutch e abela batlhoki

25 May 2021

Ba komiti ya boutlwelobotlhoko ya kereke ya Morwa Dutch Reformed ba abetse batlhoki le bagodi dikobo di le masome a matlhano le boferabobedi, gammogo le mephuthelwana ya dijo e le lesome le borataro go tswa kwa botsamaising jwa kereke.

Fa a bua kwa modirong wa kabo-dimpho eo bosheng, moeteledipele wa komiti, Rre Mmono Tau o supile fa maitlamo a komiti e le go fetola matshelo a banni ba Morwa. 

O rotloeditse phuthego go thusa batlhoki, a re se se tsisa boitumelo e bile se itumedisa Modimo.

Rre Tau, yo e leng motiakone, a re keletso ya komiti ke go supa boutlwelobotlhoko mo mongweng le mongwe go sa kgathalesege gore ke wa kereke efe.

“Go ruta ka boutlwelobotlhoko go tsisa lerato mo dipelong. 

Go re fa tshono ya go dira phuthologo mo matshelong a batho ba ba kwa ntle ga kereke ka re tsenya boitumelo mo dipelong tsa bone,” o buile jaana a tlatsa ka go re go phutholola pelo o tsisa dintlenyane mo botshelong. 

Fa a tswa la gagwe, Mokhanselara Opakile Setlhabi o rotloeditse tirisanyo mmogo ya bogogi jwa dikereke ka go farologana go thusana go abela ba ba dikobo dikhutshwane.

Rre Setlhabi o tlhalositse fa tirisanyommogo ya boeteledipele e le ntlha ya botlhokwa mo go ageng setshaba.

A re puso ga e kake ya kgona e le nosi, ka jalo a lebogela komiti bopelontle le go tsaya maikarabelo mo setshabeng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Sandra Sethaiso

Location : Morwa

Event : Kabo dimpho

Date : 25 May 2021