Breaking News

Morwaeng o abela bomme dikitso ka mananeo

24 May 2021

 Tona wa Merero ya Ofisi ya ga Tautona, Tsamaiso Puso le Bodiredi, Rre Kabo Morwaeng a re go abela batho kitso, ke konokono mo go thuseng go tlhabolola matshelo a setshaba ka kakaretso.

Rre Morwaeng o buile jalo ka Matlhatso, jaaka a ne a kokoantse bomme kwa sekoleng sa Kgari Sechele go tla go anywa dikitso ka mananeo a puso a a ka thusang go tlhabolola matshelo. 

Rre Morwaeng yo gape e leng mopalamente wa Molepolole Borwa, a re go botlhokwa go nna le kitso ya gore lenaneo la puso lefe kana lefe le bonwa kae le gone jang gore ba ba nang le megopolo ya go itirela ba kgone go tlhaloganya se ba se batlang.

O gateletse mafoko a gagwe ka gore, “Metlhala ya khumo mentsi e tlhoka balati.” 

A re go bonala fa batho ba le maoto a tshupa go ikopela mananeo a puso a a ka thusang go tlhabolola matshelo a bone. 

Rre Morwaeng a re setshaba se tshwanetse go tlhaloganya gore maikaelelo a mananeo ke go tokafatsa boleng jwa matshelo a Batswana.

A re puso e tlaa tswelela ka mananeo a a thusang setshaba go tsholetsa itsholelo ya malwapa, a tlatsa ka go re go dira jalo go fa batho ka bongwe ka bongwe thata yo go thusa go godisa itsholelo ya lefatshe. 

A re o na le Tsholofelo ya gore morago ga gore bomme ba kopane le makalana a a ntshang mananeo a puso ka go farologana, ba amule dikitso tse di tlaa thusang go tlhabolola seemo sa matshelo a bone.    

Mohumagadi wa Bakwena, Mme Mma Tumagole ene o kgothaditse bomme go dirisa sebaka seo ka tlhoafalo go dira pharologanyo ka jaanong ba itse ka mananeo a a leng teng ka go farologana, go thabolola itsholelo ya malwapa, a gantsi a eteletsweng pele ke bomme.

“Ke na le tsholofelo ya gore re ya go dira pharologanyo ka re amogetse dikitso tse gongwe re ntseng re di nyoretswe. 

Go ka re thusa go inoga mo lehumeng le le apesitseng bomme, ba e leng bone batlhokomedi ba malwapa,” ga tlhalosa Mohumagadi Mma Tumagole.

Mookamedi wa lephata la temo-thuo, Rre Shanku Mokhutshwane o rotloeditse balemi-barui go inaakanya le temo-thuo e e tlhabologileng ka go etela baitseanape go thusa go ntsha maduo mo go se ba se dirang.

Rre Mokhutshwane a re thuo ya dikolobe, dihutshane le tlhapi ga reng ga tse dingwe, e bogadi bo gaufi le fa diruiwa tseo di santse go le boutsana mo mmarakeng wa dijo. 

A re bokgoni jwa go ntsha dijo tsa mofuta o, ka selekanyo se se kgotsofatsang bo santse bo sa nametse, ka jalo puso e tlamega go di tsaya kwa ntle ka bokete.

Lengwe la mananeo a bomme ba rutilweng ka one ke la ISPAAD. 

Rre Keatlaretse Selelo a re maikaelelo a lenaneo e le go tokafatsa seemo sa go ntsha dijo, ka jalo o ne a kgotlhatsa baelmi go ema ka dinao gore lenaneo le ntshe maduo.

Rre Selelo o tlhalositse fa seemo mo nakong eno se tlama balemi go ikwadisetsa lenaneo la temo le le tlang ka nako gore lephata la temo le kgone go loga maano go sale nako go hema seemo sa go abela batho dipeo le mororo ba sena kgatlhego ya go lema. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kebaeditse Baitlotli

Location : MOLEPOLOLE

Event : bokopano

Date : 24 May 2021