Ba ga Ranta ba kopa go lemogwa
24 May 2021
Banni ba ditsha tse disha ba kgaolwana ya ga Ranta mo Molepolole, ba lela ka tlhaelo ya ditlamelo mo kgolong eo, ba supa ka monwana boeteledipele gore bo ba beile ka fa mosing.
Ba buile jaana mo phuthegong ya kgotla e buisiwa ke mopalamente wa Molepolole/Bokone, Rre Oabile Regoeng fa a lekola kgaolo.
Ba lela segololo bogolo ka seemo sa tlhaelo ya metsi le ditsela, mme ba supa fa boeteledipele bo sena morero ka tse di kgoreletsang go ntshiwa ga ditirelo.
Moemedi wa morafe wa kgaolwane eo, Rre Malaki Selema, o supile fa kgaolo eo e beilwe ka fa mosing mabapi le metsi le tokafatso ya seemo sa ditsela le tharabololo ka seemo sa borukutlhi.
Banni ba ba neng ba tletse tshakgalo ba re ba sepodisi ga ba tswe dipe mabapi le go lwantsha borukutlhi.
Ba re seemo sa borukutlhi se ba tshedisetsa mo poifong, mo ba tlamegang go tswa badisa ba dithoto le matshelo a bone.
“Seemo se re iphitlhelang re le mo go sone sa dikgang tsa borukutlhi jwa kgaolo ya rona, se re tlama go ikemela ka dinao, ka ditsela tse re ka di kgonang go itshireletsa mo dilalomeng tse di re tshedisetsang mo poifong, ka jaana re sa kgone go bona thuso e e maleba,” ga tlhalosa Rre Selema.
Mangwe a matshwenyego a banni e ne ya nna gore batho ba kgaolo eo ba kgaphetswe ntle mo ditirong tsa diatla di tshwana le go dirwa ga ditsela.
Mongwe wa banni, Rre Olefile Baitlotli, o gateletse botlhokwa jwa gore kgaolo eo e lemogwe ka go rera le go tsibogela matshwenyego a morafe.
Rre Wadisa Gaelebale a re o tshwenngwa ke gore ba sepodisi go lebega ba roletse boikarabelo jwa tiro ya bone mo go ba cluster, ba a reng ba mo diphatseng tsa seemo sa borukutlhi jo bo diphatsa jo bo tlhokang kitso ya ba ba rutetsweng tiro.
Rre Motsholathebe Afitile ene o supile matshwenyego ka ditirelo tse di bokoa tsa dipalamo tsa setshaba tsa Molepolole, ka go ikgatholosa mabaka a a tlamang tsamaiso ya dikgwebo tsa bone.
O tlhagisitse setshaba go bega kgokgontsho ya bakgweetsi ba dipalamo tsa setshaba ba ba ganang go isa batho kwa ba yang teng, ka go bega nomore e e kwadilweng mo mabating gore dikgato tse di maleba di tsewe.
E rile a tsibogela matshwenyego a morafe, Mopalamente Regoeng a kopa gore e ne modiga, a supa fa a tlhaloganya matshwenyego a bone, le go solofetsa fa a tlaa reediwa.
Rre Regoeng o ne a lekodisa phuthego ka seemo sa COVID-19, se a tlhalositseng fa se kgoreleditse thata go diragadiwa ga ditogamaano, le yone kgatelelo ya go dira ka fa tlase ga mabaka a a thata, a go sala morago melawana ya ba botsogo.
Mogolwane wa lephata la ditsela mo khanseleng-potlana ya Molepolole/Lentsweletau, Rre Phepafalo Seobakeng, o ne a tlhomamisa fa seemo sa ditsela tsa kgaolo ka bophara e le se se tshwenyang le mororo ba sena ditsompelo tse di lekaneng go se tsibogela.
Fela o solofeditse fa maiteko a tsweletse go bona katakata e tona, e e ka thusang go betla tsela ya kgaolo eo.
Mabapi le bana ba kgaolo ba ba sa fiweng ditiro, Rre Seobakeng a re bone ba fa batho ba ba tlhomamisitsweng ke bogosi le komiti ya ditlhabololo ditiro.
Mogolwane wa koporase ya Metsi mo kgolong ya Molepolole, Rre Mompati Mase, o amogetse fa seemo sa metsi mo Molepolole se le bokete, e bile maiteko a gangwe le gape a ba a dirang a sa tswe dipe, ka ntlha ya bokete jwa tiro e e tlhokang go dirwa.
Le fa go ntse jalo, o solofeditse go kopana le batho ba ditsha tse disha tsa ga Ranta, go bona ka fa seemo sa kgaolwana eo se ka tokafadiwang ka teng, go sa ntse go letiwe tharabololo ya sennela ruri.
Kgosi Matlhabaphiri Matlhabaphiri wa ga Ranta o amogetse matshwenyego a morafe, mme a tswelela ka go gakolola fa le bone ba na le tshwanelo ya go ipega fa ba goroga mo kgaolong gore boeteledipele bo tlhaloganye gore kgaolo e na le bo mang.
Mokhanselara wa kgaolwana ya Boribamo Bophirima, Rre Gape Mokgalo, o ne a kopa morafe wa kgaolo go tswaragana ba kopanela ditiro tsa go tlhabolola kgaolo le go bua ka tse di ba tshwenyang go sale gale. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kebaeditse Baitlotli
Location : MOLEPOLOLE
Event : phuthego ya kgotla
Date : 24 May 2021