Breaking News

Mokhanselara o rotloetsa barutabana go tsaya mokento

23 May 2021

Mokhanselara wa Parwe kwa kgaolong ya Legare, Rre Samson Kelebale o rotloeditse barutabana go tsaya mokento wa COVID-19 go itshireletsa kgatlhanong le mogare wa corona.

Mokhanselara o ne a le kwa sekoleng se segolwane sa Parwe Junior Secondary School (JSS), ba abela sekole seo dibipa nko le molomo gammogo le sebolaya mogare ka Labotlhano.

A re dintsho tsa barutabana di a tshwenya lefatshe ka bophara, ka jalo a ba rotloetsa gore ba tseye karolo mo mokentong gore ba tle ba sireletsege.

Rre Kelebale a re go na le bangwe barutabana mo kgaolong ya gagwe ba ba sa dumelaneng le go tsaya karolo mo mokentong o, mme a supa fa seo se mo utlusitse botlhoko.

A re barutabana ba kopana le batho ka go farologana, ka jalo ba tlhokana le go sirelediwa.

O kopile baithuti gore ba tswelele ka go itshireletsa kgatlhanong le mogare wa COVID-19, a supa gore bana ba kgona go  tsaya mogare kwa malapeng mme ba o tshele barutabana kwa sekoleng.

Mokhaselara a re o itse gore palo ya baithuti le bodiredi jwa sekole sa Parwe e ntsi, mme ba tlaa abelwa palo fela e e tshwanang le ya dikole tse dingwe, e e leng dibipa nko le molomo di le makgolo a mabedi le masome a matlhano ga mmogo le sekupu sa 20litres sa sebolaya mogare.

Rre Kelebale o lebogetse tirisano mmogo ya barutabana ba sekole sa Parwe, a re boeteledipele jwa sekolo seo, bo bereka sentle le badiri botlhe, ka jalo ga go nne le dikgotlhang mo gare ga badiri ba sekole seo.

Mokhanselara yo o itlhophetsweng wa Mahalapye Bophirima, Mme Mercia Sebonape a re barutabana ba botlhokwa ka jaana mongwe le mongwe a le fa a teng ka ntlha ya bone. A re seabe sa barutabana se segolo mo lefatsheng, ka jalo ba tshwanetse gore ba sireletsege.

Mme Sebonape a re go itsa gore baithuti ba seka ba siiwa ke dithuto ba boela di bipa nko le molomo fa ba di lebetse, ba tlaa fiwa tse di abetsweng sekole go boloka nako. 

Mogokgo wa sekole sa Parwe, Rre Bashi Garebaitse a re mo sekoleng sa bone ba kopana le batho ka go farologana, ba akaretsa batsadi le ba-tsaya karolo ba bangwe mo thutong, mme seo se dira gore ba dirise dibolaya mogare thata.

O ne a lebogela se ba se abetsweng ka jaana ba tla kgona go itshireletsa. 

Mothusa mogokgo Rre Moleri Makuku o lebogetse tse ba di abetsweng, a supa fa ba tlaa di dirisa ka boikarabelo.

O rotloeditse baemedi ba baithuti ba Student Represantative Council (SRC) gore ba fetisetse molaetsa mo baithuting ba bangwe gore ba tswelele ba itshireleditse.

Mogolwane wa lephata la baithuti kwa sekoleng sa Mowana JSS, Rre Thabo Ntshingane a re  ba nnile le kwelotlase mo maduong a bone a ngwaga o o fetileng.

A re mo ngwageng o o fetileng ba pasitse ka masome a mabedi le boferabobedi mo lekgolong, ba tswa kwa go masome a mane le bongwe ka 2019.

Rre Ntshingane a re ba bereka ka natla gore monongwaga ba tokafatse maduo ao.

Mme Mammy Lesole yo e leng mogolwane kwa lephateng la baithuti a re makhanselara ba tshela ka matshego a lefatshe leno,

 A re go nna boutlwelobotlhoko go thusa go rarabolola mathata, a supa gore go abelwa dimpho tseo go ba thusitse ka jaana ba ne ba se na sebolaya mogare.

Makhanselara ba lebogetse seabe sa ga Rre Mompati Ntapu yo e leng mokwaledi yo o faphegileng wa ga Tautona, ba supa fa ba kgonne go aba dimpho tseo ka thuso a gagwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Masego Pulamoeng

Location : MAHALAPYE

Event : kabo dimpho

Date : 23 May 2021