Breaking News

Tautona o itlamile go tlhabolola matshelo

23 May 2021

Tautona Dr Mokgweetsi Masisi o itlamile go dirisa ditsompelo tsotlhe tse puso e nang le tsone go tlhofofatsa le go tlhabolola matshelo a Batswana, bogolo jang a balemi-barui gore ba kgone go jesa lefatshe.

Se se builwe ke Mothusa Tona wa Tlhabololo Temo-thuo le Tlhomamiso Dijo, Mme Beauty Manake mo loetong lwa gagwe lwa go lekola balemi ba merogo le maungo ba kgaolo-potlana ya Mahalapye bosheng, go bona gore go ka tlhabololwa jang temo.

Mothusa tona o ne a patilwe ke bagolwane go tswa kwa Citizen Entrepreneurial Development Agency, National Development Bank (NDB), Botswana Development Corporation(BDC), Botswana Investment and Trade Centre (BITC), Botswaba Agricultural Marketing Board le Special Economic Zones Authority.

Mme Manake o tlhalositse gore Tautona Masisi o tseela temo-thuo kwa godimo, mo e bileng a ikemiseditse gore puso e dire ka natla go rarabolola dikgwetlho tsotlhe tse di lebaneng balemi- barui, gore ba kgone go direla lefatshe dijo tse di lekaneng.

Mme Manake a re o itemogetse dikgwetlho ka go farologana tse balemi ba merogo le maungo ba lelang ka tsone jaaka ditlhwatlhwa tse di kwa godimo tsa menontshane le melemo e e bolayang diji.

Bontsi jwa balemi, a re ba lela ka ditlhwatlhwa tse di kwa godimo tsa go gokela motlakase kwa merakeng, mme a ba gakolola gore ba seka ba letla kgwetlho e go ba kgoba marapoa mme ba ikanye motlakase wa marang a letsatsi.

O supile fa a itumelela lorato le tlhoafalo tse balemi ba di supileng mo kgwebong ya temo, mme a ba rotloetsa gore ba seka ba baya kgokelo ya motlakase kwa pele ga dikeletso tsotlhe tsa bone. A re motlakase le fa o le botlhokwa, o kgona go ba okeletsa ditshenyegelo.

Fa a lekodisa Mme Manake ka kgwebo ya gagwe ya merogo, molemi wa Chakanaka Farm kwa Shakwe, Rre Colin Moalosi o supile fa temo e ka direla Batswana ditiro le dijo tse dintsi fa ba ka inaakanya le yone ka bontsi. 

Mo tshimong ya gagwe ya diekere tse di masome matlhano, Rre Moalosi o supile fa a lemile ditamati tse ditona le tse dinnye, dipotata, ditholwantholwana le khabeche mo diekereng di roba bobedi.

Dingwe tsa dikgwetlho tse a di itemogelang a re ke tshenyo e e bakwang ke dibetso tsa tlholego jaaka sefako, ka a lemela fela mo sebatleng go sena sepe se se sireletsang dijalo. 

O kopile gore go sekasekwe gore ba tsenyediwe meruti e e sireletsang dijalo.

Rre Moalosi a re o kgonne go bona marekisetso a a rekang merogo ya gagwe, a tlatsa ka go re kgwetlho e nngwe ke ya bontsi jwa marekisetso a a sokasokanang le bone gore ba fokotsa ditlhwatlhwa mme go felele go isa dipoelo tsa gagwe kwa tlase. 

O tlhalositse fa a thapile badiri ba le lesome le bobedi, Batswana ba le lesome le motso  le motswakwa a le mongwe.

Balemi ba Pot Jay Holdings, e bong Rre Johan Potgieter le Mme Thatayaone Potgieter ba bone ba lemang ditamati, magapu, maphutshe le ditholwana, le bone ba supile fa ba itumeletse loeto lwa ga mothusa tona.

Rre le Mme Potgieter bone ba re ba lebanwe ke kgwetlho ya ditlhwatlhwa tse di kwa godimo tsa melemo le menontshane gammogo le letlhoko la menontshane mengwe mo marekisetsong a tsa temo. 

Seemo se, ba re ke sengwe sa dilo tse di babalelang maiteko a bone a go jesa setshaba ka ba felela ba ntsha palo e e kwa tlase ya dijalo. 

Le fa go ntse jalo, ba supile fa ba na le maikaelelo a go tswelela ka temo le go e godisa.

Rre Temo Ntapu wa BITC o kopile balemi go ikgolaganya le lekana la bone gore ba kgone go ba kaela gore ba ka dira jang go dirisa letshwao la Botswana mo dijalong tse ba di rekisang kwa ntle ga lefatshe, a tlhalosa fa le dirisiwa mahala. 

Letshwao le, a re le ka thusa go ba bulela ditsela le go ba ngokela bareki fa ba setse ba phadisanya le bagwebi ba mafatshe a magwe ka e nna lone sekao sa gore ke bagwebi ba ba rekisang dilo tse di babalesegileng ka ba tswa kwa lefatsheng le le itsegeng ka go dira dilo sentle.

Mogolwane go tswa kwa NDB, Mme Sethunya Gaolebogwe o rotloeditse balemi go itlhofofaletsa manokonoko a go tsamaisa dikgwebo ka go ikgolaganya le dikgwebo tse dingwe go ba direla ditiro tse dingwe go na le go batla go itirela dilo tsotlhe tse di amanang le tsa temo fa mogolwane wa BDC, Rre Cross Kgosidiile a lebogetse mothusa tona, ba-na-le seabe le balemi maiteko a bone a go tshwaraganela go thusa balemi go ntshetsa lefatshe dijo.

Rre Kgosidiile o gateletse gore se ba se ikutlwetseng mo baleming le se ba se iponetseng kwa masimong a bone, se ya go ba thusa go tswa ka megopolo e e botoka ya go ba tlhofofaletsa go direla lefatshe dijo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lorato Gaofise

Location : SHAKWE

Event : Tekolo ya balemi barui

Date : 23 May 2021