Mapodisi a tlhotlhomisa bogodu jwa leruo
23 May 2021
MOCHUDI - Mookamela mapodisi a District No.12 Senior Superintendent Lesole Mosimane a re ba tshegeditse borre ba Batswana ba le bararo ba ba fitlhetsweng ka dinama tsa dikgomo tse go belaesegang e le tsa bogodu ka Labone.
Mo potsolotsong le BOPA, Senior Superintendent Mosimane o tlhalositse fa borre bao e le ba dingwaga tse di fa gare ga masome a mararo le bosupa le masome a mane le bosupa.
A re babelaelwa ba ne ba tsamaya ka dikoloi tsa modiro wa Honda Fit di le pedi, a tlatsa ka go re ba ne ba dirile sekganedi sa tsela sa mapodisi fa ba tlaa lemoga fa dikoloi ka bobedi di rwele dinama tsa dikgomo di le pedi mme dirwe tsa tsone di le mmogo.
Senior Superintendent Mosimane a re e rile fa ba latedisa motlhala, ba fitlhela dikgomo tseo di tswa go bolaelwa kwa masimong a Mabolaelo, mme teng ba fitlhela go epilwe lehuti go katetswe matlalo a tsone.
A re borre ba, ba tlaa lebisiwa molato wa bogodu jwa leruo, a tlhalosa fa ba itshupile fa pele ga kgotla la ditsheko ka Labotlhano, mme ba tlaa itshupa gape kgwedi eno e tlhola malatsi a le masome a mararo le bongwe.
Mogolwane wa mapodisi a re ga ba ise ba itse beng ba dikgomo mme ba gasitse molaetsa kwa baruing gore ba etele diofisi tsa sepodisi go tlhomamisa gore a ga se tsa bone.
A re ditlhotlhomiso di santse di tsweletse.
Senior Superintendent Mosimane o kopile setshaba go tshwaragana le ba sepodisi go thusa go lwantsha bogodu jwa leruo, bogolo jang mo pakeng ya mariga ka e le yone e tumileng thata ka borukutlhi joo.
O rotloeditse setshaba go dirisa ditirelo tsa sepodisi ka dinako tsotlhe fa go na le sengwe se se belaetsang.
A re se se ka thusa go fokotsa borukutlhi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Sandra Sethaiso
Location : MOCHUDI
Event : potsolotso
Date : 23 May 2021