Matshwao a tsela a thusa go hema dikotsi
20 May 2021
Mogolwane mo lephateng la Dipagamo le Ditlhaeletsanyo kwa Molepolole, Mme Mmakeng Mogapi, a re go obamela matshwao a tsela go ka fokotsa dikotsi tsa tsela le gone go babalela matshelo.
O buile se maabane fa lephata le ne le tsenya le go ntshafatsa matshwao a ditsela kwa dikoleng tse dipotlana tsa Letlhakeng.
Mme Mogapi o ne a tlhalosa fa kgang ya go dira tiro e e ntshitswe ke lekgotla la ditshaba gore bakgweetsi ba fokotse lebelo fa madirelong a a mosuke le fa dikoleng.
O tlhalositse fa se e le maiteko a go babalela badirisi ba ditsela, mme jaanong lebelo le fokotsegile go tswa kwa 60km/h go ya kwa 30km/h mo mafelong ao.
Mme Mogapi o tlhalositse fa komiti ya Letlhakeng e ne ya tlhopha dikole tse dipotlana tsa motse oo, e leng tsa Gothibamang le Letlhakeng.
O supile fa ba ne ba tsenya matshwao a go ema, go fokotsa lebelo, go kgabaganya le gone go tsenya ditotoma.
Mme Mogapi o tlhalositse fa ba kgonne go dira jalo fa sekoleng sa Letlhakeng, mme ba ya go feleletsa ka sa Gothibamang se se neng se sena matshwao gotlhelele.
O boletse fa tiro e e dirwa mo lefatsheng leno lotlhe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : LETLHAKENG
Event : Mokete wa UN
Date : 20 May 2021