Breaking News

Dintsho tsa baithuti ke tatlhegelo

20 May 2021

Tona wa Dipagamo le Ditlhaeletsanyo, Rre Thulagano Segokgo, a re go tlhokafala ga baithuti ka lebaka la dikotsi tsa tsela ke tatlhegelo mo batsading le puso.

Tona o buile se maabane kwa tsweledisong ya mekete ya beke ya lekgotla la ditshaba ya go rotloetsa bakgweetsi go fokotsa lebelo mo mafelong a a mosuke le fa dikoleng.

Tona o buile se fa lephata le ne le tsenya letshwao la makgabaganyo le le neng le ntse le seo kwa sekoleng se se potlana sa Ithuteng, selo se a rileng se tlaa thusa baithuti mo tirisong ya tsela.

 A re tiro eo, e tlaa fokotsa gape dikotsi tse di bakwang ke bakgweetsi ba ba kgweetsang ka lebelo le le kwa godimo mo mafelong a a mosuke.  

O ne a gatelela gore lebelo le le letlelesegang mo mafelong a a tshwanang le fa dikoleng ke 30km/hr, ka jalo a rotloetsa bakgweetsi go lemoga le go obamela seo.

Tona Sekgogo a re bakgweetsi ba tshwanetse go kgweetsa ka kelelo bogolo jang fa dikoleng, dikokelo le marekisetso.

Mopalamente o ne a rotloetsa baithuti go tsaya molaetsa mofago, go o amogana le batsadi ba bone ka seabe sa botlhe se le botlhokwa mo go fokotseng dikotsi.  

O ne a bolela fa a hutsafaditswe ke gore moithuti wa sekole seo o ne a latlhegelwa ke botshelo ka ntata ya kotsi ya koloi ngwaga ono.

Tona Segokgo a re go latlhegelwa ke botshelo ga baithuti ke selo se se botlhoko bogolo jang ka go solofetswe go le gontsi mo baithuting ba isago.

 O ne a rotloetsa baithuti go dirisa makgabaganyo ao ka go ka babalela matshelo a bone, a gwetlha bakgweetsi le bone go obamela matshwao a tsela ka nako yotlhe ka seo se ka babalela matshelo.

Mogokgo wa sekole sa Ithuteng, Mme Lesego Selelo a re mongwe le mongwe o tshwanetse go lemoga botlhokwa jwa go kgweetsa ka lebelo le le letlelesegang, bogolo jang mo mafelong a a nang le mosuke.

A re makgabaganyo le matshwao a tsela a botlhokwa mo tikologong ya sekole.

Mme Selelo a re sekole sa bone se mo tikologong e e mosuke ka jalo go na le dikoloi le batho ba bantsi, selo se se bayang matshelo a baithuti mo diphatseng.

A re sekole sa bone se mosuke ka tsela e ba e dirisang e diriswa ke bakgweetsi ba ba yang kwa sekoleng se segolwane sa Naledi, le banni ba ba mo tikologong eo.

Mokhanselara wa kgotla ya Babusi, Rre Phuthego Modise, a re go supagetse fa go le botlhokwa go nna le fa baithuti ba pagamelang le go gologela teng, ka se se diragalang gompieno se le borai.

Beke ya lekgotla la ditshaba ee rotloetsang pabalesego mo ditseleng e ketekwa ka Motsheganong a le lesome le bosupa go tsena a le masome a mabedi le boraro. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Bonang Masolotate

Location : GABORONE

Event : Mokete wa UN

Date : 20 May 2021